Breaking News

Ba rotloediwa go tlamela leruo

21 Dec 2016

Banni ba meraka ya Rotolamatlho, Pegamatlho le Metsiapula ba kopilwe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela leruo la bone ka dinako tsotlhe ka go di jesa dijo tse di nang le dikotla le go di kentela malwetse.

Se, se builwe ke modiri wa lephata la mafudiso kwa Letlhakeng Rre Oemeleng Mochanang mo  thuto-seka-dipuisanong e e neng e tshwaretswe kwa morakeng wa Rotolamatlho gaufi le Sojwe.

Rre Mochanang o ne a kopa barui bao go jesa leruo la bone dijo jaaka letswai le tse dingwe gore di tle di nne mo botsogong jo bo nametsang le gone gore di tle di tsale sentle ka nako.

O supile fa go jesa leruo go le botlhokwa fela thata ka go itsa gore le seka la tsamaya sekgala se se leele go batla phulo mme le felele le latlhegetswe ke mmele.

O ne a kopa barui go lemela leruo la bone dijo ka go le ditlhwatlhwa di kwa tlase.

Rre Mochanang o ne a tswelela a ba rotloetsa go fetola mafudiso le gone go lekanyetsa mahudiso dikgomo go itsa kgothego ya lefatshe.

E rile a tswa la gagwe Rre Nonofang Gaotlole wa lephata la dijalo a  kopa balemi-barui go nna kelotlhoko fa ba dirisa botlhole le melemo e e bolayang diji ka e kgona go nna borai mo matshelong a bone fa e ka tshwarwa botlhaswa.

O kopile balemi go emisa go nna ba dirisa mabotlele a a neng a tsentse ditshefi ka a kgona go a ma matshelo a bone kana a tsisa bogole mo baneng ba bone.

Rre Gaotlole o ne a rotloetsa balemi go nna ba tlhatlhoba mebu ya bone go bona gore a e siametse temo, le gone go nna ba lemolola masimo a bone ka mariga go fokotsa peo ya mohero.

E rile ba tswa la bone balemi-barui ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke malwetsi a mokokomalo le kwatsi mme ba supa fa setlhatshana sa mogau le sa legongnyana e le tsone di dirileng gore ba felele ba iphotlhere ka di ba bolaetse leruo.

Ba ne ba lebogela thuto-seka-dipuisano eo ba re e ba sedimoseditse tse ba neng ba sa di lemoge,  gape ba itlama go tlhokomela leruo la bone ka le ka fetola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : MOLEPOLOLE

Event : Thuto-seka-dipuisanong

Date : 21 Dec 2016