Motshwane o paka ntebele ke go lebele
21 Dec 2016
Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates kwa Francistown a re go botlhokwa go tsenya mo tirisong dikomiti tsa ntebele ke go lebele segolo bogolo mo malatsing a boitapoloso le bofelo jwa ngwaga.
Kgosi Motshwane, yo gape e leng modulasetilo wa dikomiti tsa ntebele ke go lebele tsa kgaolo ya No.1, o boletse mo potsolotsong gore dikomiti tsa go nna jalo di ka thusa go menagane go lwantsha borukutlhi jo gantsi bo diragalang ka nako e ya mafelo a ngwaga.
O supile fa mo malatsing ano a bofelo jwa ngwaga batho ka bontsi ba emelela go tsweng kwa ba direlang teng go leba kwa magaeng kgotsa mafelo ape fela go ya go keteka malatsi a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha le ba masika le ditsala.
Ka jalo a tlhalosa fa ka yone nako e batho ba emeletseng kwa ba nnang teng, e le yone nako e dirukutlhi di bonang phatlha go ipagololela mogodu mo dithotong tsa ba ba seong.
Mme ke gone ka moo a tlhalositseng fa dikomiti tse tsa ntebe ke go lebele di ka tsenngwa mo tirisong ka mo go tlhwaafetseng mme e bile mongwe le mongwe a ikitaya ka thupana go tshwaragana le ba sepodisi dikgang tsa borukutlhi di ka fokotsega fela ka mo go nametsang.
A re setshaba ga se a tshwanela go baya fela mo go ba sepodisi go itepatepanya le dikgang tsa borukutlhi, ka jaana ba sepodisi ba ka se kgone go lwantshwa borukutlhi ntleng le tshwaragano e e nitameng ya setshaba.
Kgosi Motshwane o tsweletse a tlhalosa fa e le tshwanelo ya gore fa batho ba nna mo tikologong e le nngwe ba tshwanetse go itsane botoka mekgwa ya bone le metsamao ya bone ka kakaretso.
O bile a fa sekai ka gore motho o tshwanetse go itse gore moagisanyi wa gagwe o bereka kae nako mang o wetsa tiro nako mang.
“Se se ka thusa gore fa e le gore dirukutlhi di a tlhasela mo lwapeng la go nna jalo, yo o mabapi a kgone go lemoga ka bonako fa a ka utlwa go diragala sengwe ka nako e a sa e tlwaelang gore moagisanyi wa gagwe a bo a le mo lapeng,” a tlhalosa jalo.
O ne a tlatsa ka gore gape fa le le mo tikologong le tshwanetse la laelana fa yo mongwe a tswa mo lapeng.
Kgosi o tlhalositse fa dikomiti tse di tshwanetse go tsenngwa mo tirisong kwa ditoropong, magaeng, masimo ga mmogo le meraka.
Go sa le foo, Kgosi Motshwane o ikuetse mo setshabeng gore le ntswa malatsi a e le a boitumelo, ga go reye gore batho ba itumele mo go feteletseng mo go ka feletsang go tsentse matshelo a bone le ba bangwe mo diphatseng.
A re batho ba nne le pabalesego e e ko godimo ka matshelo a bone go leka go hema dikotsi tsa tsela mme a re setshaba se tshwanetse sa ikgapha mo go itonteleng dino.
O tlhalositse fa go iphitisa dino go na le ditlamorago tse di botlhoko jaaka go baka dikotsi tsa tsela, dintwa, tiriso botlhaswa mo tlhakanelong dikobo le gone go tsenya lehuma ka go dirisiwa madi a mantsi go ijesa monate.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Motshwane o ne a gakolola setshaba ka kakaretso go nna podi matseba mo baporofiting ba e seng ba nnete ba ba nang le gore ba na le bokgoni go okeletsa batho madi ka maikaelelo a go ba amoga madi le dithoto tsa bone mo mebileng.
O tlhalositse fa e re le ntswa go dirwa mo go tseneletseng go lemotsha setshaba ka borukutlhi jwa go nna jalo, go sa ntse go ngomola pelo go bo go na le batho bangwe ba ba dumelang mo baporofiting ba go nna jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatseletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 21 Dec 2016






