Kgatleng o oketsa dikomiti tsa bana
20 Dec 2016
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re ba okeditse dikomiti tsa tshireletso ya bana kwa kgaolong ya Kgatleng.
O buile se bosheng fa a bula semmuso bokopano jwa khansele kwa Mochudi.
O tlhalositse fa go tlhophilwe dikomiti di le masome a mararo le bobedi.
A re di botlhokwa thata mo metseng ka di netefatsa gore melao ya tshireletsego ya bana e a diragadiwa.
Rre Morolong a re dithutuntsho tsa dikomiti ka go farologana di ne tsa diragadiwa mo metseng e le boferabobedi mo kgaolong le mo dikgotlaneng tse tlhano kwa Mochudi.
A re metse le dikgotla tse di setseng di tlaa rutuntshiwa fa dikole di simolola Hirikgong ngwaga o o tlang.
O boletse fa a itsisitswe gore dikomiti tse di rutuntshitsweng go sireletsa bana di kgonne go dira lenaneo la ditiro tse ba tlaa di diragatsang.
Mo go tse dingwe, Rre Morolong a re lephata la botsogo la Kgatleng ba file batho bangwe matloa a a ba sireletsang kgatlhanong le montsana a tlhalosa fa ba file batho ba ba setseng ba kwadisitswe ba le 5 740 ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga ono.
A re mo go bone ba ba kwadisitsweng, ba le 1 537 ke batlhoki,1 165 masiela,1 148 ba ba kgaoganang dithoto,18 ba ba tlhokomelelwang ko malwapeng ,1 603 batlhoki ,157 ba ko dikgaolong tse di senang ditlamelo le 112 ya bana ba ba tlhokang tlhokomelo.
O boletse fa a dumela fa dipalo tse di oketsegang tsa batlhoki di ka tswa di bakwa ke leuba le le tlhasetseng lefatshe la rona.
O kopile makhanselara ka ene go bona gore tsotlhe tse di saletseng ko morago di a diragadiwa jaaka go solofeditswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya khansele
Date : 20 Dec 2016






