Batswana ba tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha mogare
20 Dec 2016
Kgosi ya Thabala, Rre Arbel Kgaboyarona, o rotloeditse Batswana go ititaya ka thupana mo go fediseng mogare wa HIV.
O buile seo kwa letsatsing la segopotso sa ba-na-le-mogare bosheng kwa Thabala.
Kgosi Kgaboyarona o tlhalositse fa mogare wa HIV e le mathata a setshaba sotlhe ka jalo se tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha mathata a.
O tlhalositse gape fa puso e dirisitse madi a mantsi mo maitekong a go lwantsha HIV.
“Puso e dirile fa e dirileng teng jaanong rona re tshwanetse go thusa fa a tlhaetseng teng,” ga tlhalosa kgosi.
Kgosi o rile banana ke bone ba ba amiwang thata ke mogare o, mme gape e le bone ba ba maoto a tshupa go inaakanya le mananeo a a itebagantseng le go lwantsha mogare.
“Go a rutiwa mo dikokelwaneng mathata banana ba ditlhogo di thata, gongwe re kabo re setse re feditse bolwetse jo,” ga bua Kgosi Kgaboyarona.
A re borre ba na le mogopolo wa go tshaba go itlhatlhoba mme ba itlhatlhoba ka mduo a bakapelo ba bone.
O rotloeditse borre go intsha kwa morago mme ba itlhatlhobe le bakapelo ba bone.
Mokgothatsi Rre Badiredi Setlaelo, o rotloeditse batsadi go bua le bana ba bone ka bodiphatsa ja mogare o.
A boa a kgothatsa banana ba ba tshelang ka mogare jaaka ene go tsaya kalafi ya bone ka dinako tsotlhe ka nako e e beilweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ditsietsi Lenkamile
Location : THABALA
Event : Letsatsing la segopotso sa ba-na-le-mogare
Date : 20 Dec 2016






