Dikoko tsa mae di tshetsa Jane
20 Dec 2016
Puso e dirile maiteko a go tswa ka methale e e farologaneng ya go nyeletsa lehuma.
Mme Keitheng Jane, wa dingwaga tse di masome mane le borataro wa kgotla ya Botshabelo kwa Maun yo o abetsweng dikoko tsa mae ka lenaneo la nyeletso lehuma, o kaile fa a itumeletse lenaneo le ka le tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Jane o tlhalositse fa ka kgwedi ya Lwetse, lephata la temo-thuo le ne la mo isa dithutong kwa Ngamiland Rural Training Centre go ya go ithuta dikoko tsa mae le go anywa botsipa jwa go tlhokomela dikoko tsa mae le go tsamaisa kgwebo, mme morago lephata la mo abela dikoko tsa mae di le masome a matlhano le go mo agela hoko.
Mme Jane a re lephata le ne la mo abela dijo tsa dikoko, dikgetsi tsa selekanyo sa masome a matlhano di le nne, go fepa diruiwa tsa gagwe.
Mme Jane o tlhalositse fa dikoko tsa mae di tokafaditse botshelo jwa gagwe thata, ka le tlala mo lwapeng ke selo sa maloba.
A re pele fa a abelwa lenaneo le, o ne a itshetsa ka Ipelegeng go inamola mo lehumeng, mme madi a a neng a a amogela a ne a sa lekane ditiro tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi, gape mo ipelegeng o ne a bereka kgwedi a tla a tlodisa, ka jalo kgwedi e a sa theogelang ka yone lehuma le letlhoko le lentsi mo lwapeng.
A tswelela a tlhalosa fa a ne a tle a thapiwe ka nakwana ke ba sekole se sebotlana sa Letsholathebe mo Maun, go thuga mabele a a apeelwang baithuti, a re ka bomadimabe go thuga mabele go ne ga mmakela makowa le ditlhabi mo mmeleng, le go baya botshelo jwa gagwe mo diphatseng.
Mme Jane o tlhalositse fa a lebogela puso ka lenaneo le a le amogetseng la thuo ya dikoko tsa mae, a re puso e pelontle ka e kgathala ka matshelo a banni ba yone, ka go ba fa mananeo go nyeletsa lehuma mo malwapeng.
“Lehuma la tlhaloganyo le tswa kgakala, mme e bile le thata gore le tswe, le nna le go raya le re kana o wa me, ke swa le wena” ga bua Mme Jane.
A re o tsaya dikoko tsa gagwe jaaka kgwebo, mme kgwetlho-kgolo mo kgwebong ya gagwe, e e bakang gore mae a fokotsege ka palo ke mogote o o feteletseng le diphefo tse di tsubutlang.
O tlhalositse fa a tlhokomela dikoko tsa gagwe, ka go di fa dijo le metsi ka nako gore mae a atlege, o di fa metsi a mantsi ka seemo sa loapi se sa iketla, go leka go di timola mo mogoteng o o feteletseng.
A re o rekisa mae a gagwe mo baagisaning, le go tsamaya mo motseng a ipapatsa.
O supile gape fa ba ikopantse le ba bangwe barui, go itira setlhopha, go rekisetswa sekole sa diphologolo le makgabisanaga mo Maun, ba isa mae a a ka tshwarang sekete mo kgweding, a re o setse a butse letlole la banka, go ipolokela morokotso wa kgwebo ya gagwe.
A re maikaelo magolo mo isagong ke go leka go godisa kgwebo ya gagwe, le go gokela motlakase mo lwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omaatla Makgetho
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 20 Dec 2016






