Breaking News

Thusang le go dirisana le baoki

19 Dec 2016

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi, o kopile batsadi ba ba nang le balwetse go dirisana sentle le baoki le go thusana go ba oka.

Rre Mokgethi o ntshitse kopo eo kwa moletlong wa malatsi a botsalo a morena o o neng o diretswe balwetse ba ba robaditsweng kwa kokelong ya Tutume ka Laboraro (Sedimontlhole a le lesome le bone).

A re batho ba na le go phuaganya balwetse ba bone kwa kokelong ba bo ba tsena ka ga re itse le go lekola molwetsi tota ba sa dire jalo, le fa ba leletswa go tla go tsaya molwetsi a ntshitswe mo kokelong ba sa tle go mo tsaya.

O ne a supa fa seo se rwesa kokelo mokgweleo o motona tota ka jalo a kopa batho go itse fa balwetse ba tlhokana le lerato le tlhokomelo gore le bone ba kgone go kokobalelwa ke ditlhabi.

Rre Mokgethi a re mokgwa o mongwe o gape o o sa itumediseng ke wa batsadi ba ba tlhaselang baoki ka mafoko a a botlhoko, a re seo ga se botho ka jalo fa go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle ba tshwanetse go sala tsamaiso morago ya go ikuela gore phoso e baakangwe nako e sale teng.

O tsweletse a akgola badiri ba botsogo ba kokelo eo ya Tutume go bo ba ne ba bona go tshwanela go direla balwetse moletlo oo, a gatelela ka gore seo se oketsa botsalano le balwetse ka jalo ba tlaa lemoga fa baoki ba tshwenyega ka matshelo a bone mme seo se tlaa ba fa tshepho mo go bone.

Rre Mokgethi o ile a leboga botlhe ba ba neng ba ititaya ka thupana ba ntsha bonnyenyane jo ba nang najo go ngathogana le balwetse.

O ne a gatelela ka gore se ba se dirileng ba supile fa ba le setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe.

Mogolwane kwa kokelong ya Tutume, Mme Nametso Moatswi a re maikaelelo a moletlo oo e ne e le go ipela le balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong eo go ba fa lorato le go ba lemotsha fa ba ba eme nokeng e bile ba eletsa ba ka bo le bone ba se foo ba ipelela malatsi a morena le ba malwapa a bone.

Mme Moatswi a re gape moletlo oo ke go nonotsha botsalano jwa bone le balwetse le go aga mowa wa tirisano mmogo.

O ne a lebogela batho ba motse wa Tutume, dikereke le dikompone tse di ikemetseng ka nosi kemo nokeng e ba e supileng go tshwaraganela moletlo oo gore o atlege ka go ba abela dimpho go di abela balwetse.

Gape o tsweletse a bolela fa ba tlaa abela balwetse ba ba robaditsweng mo nakong ya gompieno mo go ka senyegang ka pele, mme tse dingwe dimpho ba tlaa di aba ka letsatsi le legolo la botsalo jwa Morena. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Moletlo

Date : 19 Dec 2016