Breaking News

Kwadiso ya ditsha e ya bokhutlong

19 Dec 2016

Batswana ba rotloeditswe go kwadisa ditsha ka jaana kwadiso e e tsweletseng e ya bokhutlong kgwedi eno e ya fifing.

Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, kwa bokopanong jwa bone le makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng.

Mme Gabotlhakanelwe o supile fa maikaelelo a kwadiso e, e le go bona gore ditsha tse di abilweng di dirisiwa eng, di abilwe di le kae le gone gore lefatshe le le setseng le kae, o supile gape fa maikaelelo e le go fa ditsha tsotlhe dinomore.

O boletse gore pele ga lekgotla la kabo ditsha le nna teng, lefatshe le ne le abiwa ke dikgosi mme go sena mokwalo ope o o ntshiwang.

Mokwaledi wa lekgotla leo Mme Doreen Kenaleeng, o boletse fa metse e e ka fa tlase ga lekgotlana leo e le lesome le bobedi, mme ba simolotse go kwadisa ditsha tsa kgaolo ya Kweneng ka ngwaga wa 2013, a supa fa metse e e beilweng ka moalo e le motlhofo go kwadisiwa go na le e e beilweng fela.

O supile fa kgaolo ya Kweneng e setse e kwadisitse ditsha di le masome a mabedi le borataro mo lekgolong, mme kwadiso ditsha e ya bokhutlong kgwedi eno e fela.

O supile fa go na le matshwenyego a mantsi mo tirong e, a supa fa go kwadisa ditsha mo motseng wa Letlhakeng go simolotse monongwaga, ka jaana kwa tshimologong go ne go akantswe gore tiro eo e tlaa dirwa ke  kompone e e ikemetseng.

O supile fa mo nakong ya gompieno batho ba le masome a mabedi le bone mo lekgolong ba setse ba kwadisitse ditsha kwa motseng oo.

Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Motokwe Rre James Ellard  o boletse fa kwa kgaolong ya gagwe go setse go kwadisitswe ditsha di le masome a matlhano le borobabobedi mo lekgolong, a supa fa ba na le dikgwetlho tse dintsi tsa ditsha tse go sa itseweng beng ba tsone, tse dingwe e le tsa batho ba ba tlhokafetseng mme bana ba ise ba dumalane gore setsha se neelwa mang, dikgwebo tse di sa tlhabololwang le matlotla le batho ba berekelang kwa ntle ga metse ya bone.

Rre Ellard o supile gape fa go na le kgwetlho ya batho ba ba fetotseng maina le difane, a supa bangwe ba na le go fetola maina mme ba sa tlhalosetse ba kabo ditsha maina a bone a pele fa ba bewa ditsha tseo, a supa fa ba kgona go tshwarisiwa bothata ke setsha sa motho a le mongwefela mme maina a sone a farologana.

Fa ba tswa la bone makhanselara ba ne ba supa fa kitsiso e e tsile thari mo go bone, mme ba supa fa ba ngongoregela go utlwa gotwe go tlaa dirisiwa nomore ya setsha go ikwadisetsa ditlhopho, mme batho ba le ba ntsi ba sa kwadisa ditsha tsa bone.

Ba supile fa gape go na le batho ba ba senang ditsha mme ba nna kwa masimong, ba supa gore fa e le gore go tlaa dirisiwa nomore ya setsha go ikwadisetsa ditlhopho go raya gore bone ga ba na go nna le sebaka sa go ikwadisetsa ditlhopho.

Bangwe ba supile fa go na le mathata a ditsha tse di fetolelwang kwa go ba bangwe, ba supa gore molao wa kabo ditsha o sa letlelele gore setsha se fetolelwe leina kwa go yo mongwe fa se sa tlhabololwa, ba supa gore go raya gore batho ba emetse go tlhabolola ditsha tse gore ba tle ba fetole maina.

Le fa go ntse jalo ba supile gape fa ba itumelela gore ba lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng ba dira tiro ka bonatla, ba supa fa ba simolotse go kwadisa ditsha morago mme go setse go na le maduo.

Ba supile gape gore ba fiwe sebaka go tswelela ba kwadisa ditsha ka ba simolotse thari.

Erile a ba kgwa dikgaba, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha Rre  Ellard o ne a supa fa ba ne ba tsile go lekodisa makhanselara ka se se diragalang ka ikwadiso ya ditsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 19 Dec 2016