Khansele e kopiwa go tshwaragana le CEDA
19 Dec 2016
Mookamedi wa Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA), Rre Thabo Thamani, o kopile khansele ya Ghanzi go tshwaragana le bone gore ba kgone go dira dikgwebo tse di tlaa kgonang go tsenya madi mo khanseleng.
Rre Thamani o buile mafoko ao fa a ne a buisa khansele ya Ghanzi bosheng.
A re selo sa botlhokwa ke gore khansele e eme ka dinao go bona gore ba ka thusana jang mo go direng dikgwebo tse di nang le dipoelo.
Rre Thamani o ne gape a tlhalosetsa khansele ka dithuso tse ba nang natso jaaka la mabogo dinku e le lenaneo le le thusang batho ba ba sa amogeleng madi a sa feteng P2 000.
E bile batho bao ba tshwanetse go nna setlhopha sa batho ba le batlhano kana lesome le botlhano.
Rre Thamani a re lenaneo la mabogo dinku le ne le direlwa batho ba dikgwebo tse di kwa tlase le ba ba batlang go dira dikgwebo.
A re fa e sale lenaneo leo le simolola le tsamaya sentle e bile batho ba teng ba duela sentle go sena mathata.
O boleletse khansele fa mo kgaolong ya Ghanzi ba ntshitse P120 million go thusa dikgwebo di le 174 a supa fa madi ao a le mannye thata mo kgaolong eo.
O kopile makhanselara go rotloetsa batlhophi go ya kwa CEDA go ya go kopa madi a ba tlaa kgonang go dira dikgwebo ka one.
Rre Thamani a re CEDA e thusa Motswana mongwe le mongwe yo o nang le keletso ya go dira kgwebo gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone.
A re madi a CEDA a kopiwa go setswe morago di tsamaiso tsa bone.
O ne gape a kopa khansele go thusa bodiredi jo bo batlang mekwalo e e tlhokegang fa ba batla madi kwa CEDA.
A re gantsi mekwalo e e kwalelwang bodiredi jo bo batlang madi kwa CEDA ga e wele sentle ka jalo CEDA ga e na go thusa motho wa gonna jalo.
Rre Thamani a re gantsi fa batho ba batla thuso ko CEDA fa a na le kgwebo ba go lebelela pele gore a kgwebo ya gago e tsamaisiwa jaaka go tshwanetse kana o e tsamaisa Setswana fela go sena mekwalo e e supang gore e dira bontle kana ga e dire sentle.
Erile a itebaganya le lenaneo la meraka a supa fa CEDA e kgona go thusa motho yo o ruelang kwa morakeng mme go bonala tota gore morui yoo ke motho yo o tlhokomelang leruo la gagwe sentle e bile fa ba tsena kwa morakeng ba lebelela dilo tse dintsinyana fa ba fitlhela bosupi jwa gore morui o tlhokomela dikgomo tsa gagwe jaaka ba batla, kopo ya gagwe e a atlega.
Erile makhanselara a akgela a supa fa ba lebogela lenaneo la Mabogo Dinku ka gore bontsi jwa batho ba dikgwebo tse di kwa tlase ba ne ba sa bone dithuso tse di tshwanang le lenaneo la mabogo dinku.
Ba supile fa lenaneo leo le tsile go tlhabolola matshelo a Batswana ka kakaretso.
Ba kopa gore lenaneo leo le thuse babereki ba basa amogeleng madi a a fetang P2 500.
Makhaselara bane ba batla go itse gore fa ele gore gona le mongwe yo o batlang go rekisa polasi kana moraka motho o a letlelelwa go tsaya madi go reka dilo tsa gonna jalo. Bane ba supa fa bone ba itse gore CEDA e thusa dikgwebo tse di tona fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 19 Dec 2016






