Breaking News

Ntwana o oba letsogo ka kapei

19 Dec 2016

Go bona tse di molemo ka ntlha ya tiro ya gago ya bonatla go tiisa moko e bile go rudisa mowa wa go lemoga go gakologelwa le gone go leboga go bo o fitlheletse tse dikgolo mo botshelong.

Ao ke mafoko a a builweng ke Mme Mpho Ntwana, yo e leng mogwebi wa marekisetso a dijo a a itsegeng ka leina la ThabiLulama Catering Services kwa Tsabong.

Mme Ntwana yo o dingwaga di masome a mane le botlhano o boletse mo potsolotsong fa bopelotelele le lorato di mo tsiseditse tse dikgolo mo kgwebong ya gagwe ya kapei.

O tlhalositse fa mosepele wa gagwe mo kgwebong ya go apaya a bo a rekisa dijo o thailwe ka boitshoko le tshepho mo Modimong go simolola ka ngwaga wa 2013 go fitlha jaanong.

Mme Ntwana a re lorato lwa kapei lo mo gwetlhile go ema ka dinao, a dirisa talente ya gagwe go itlhamela mmereko.

O tlhalositse fa e ne ya re letsatsi la ntlha a apaya o ne a ya go rekisa diphaphatha le mokwetjepe; dijo tsa sefitlholo ka nako ya lesome maphakela kwa diofising tsa maphata ka go farologana.

A re o ne a bona thotloetso e e makatsang mme a tswelela a apaya borotho a bo shabisa ka serobe, menoto, sebete le dintshu malatsi a beke ka go latelana ga one.

Maiteko a ntlha go ya ka Mme Ntwana a ne a mo kgotsofatsa thata ka o ne a akgolwa ke bareki ka go farologana.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa a ne a itlama go ntsha ga tshwene mo tirong ya gagwe e le tsela nngwe ya go kgotsofatsa bareki le gone go itirela leina.

Le fa go ntse jalo a re o ne a seka a nyatsa seemo sa gore o ne a tsamaya ka dinao e bile a sukunyeditse dijo mo bekeng mme se setona e ne e le go rekisa dijo tsa tatso e e eletsegang le gone go thusa ka botho le monyenyo.

“Ga go na nako e ke itemogetseng bokgoni jwa go itshoka mo botshelong go gaisa nako ya fa ke simolola.

Ke ne ke kubuga makuku ke apaya, ke dira ka manontlhotlho ka e bile e ne e se nna fela ke rekisang,” ga bua jalo Ntwana.

O tsweletse ka go ranola polelo ya gagwe e a e biditseng ya phenyo a re o ne a gwetlhiwa ke go  boela lapeng a rekisitse dijo tsotlhe tse a neng a di apaya moso le moso.

A re le fa go ntse jalo ka dinako dingwe o ne a fitlhela ba bangwe ba setse ba rekisitse mme a nne a tswelele le mosepele go ya go tsoma bareki kwa pele.

Fa go ntse go ya teng, MmaNtwana a re o ne a bitswa “mmamenoto” ba bangwe ba re  “mala le ntshotwane,” maina a a tlhalositseng fa a ise a mo kgobe marapo ka gope mme a a tseye e le thotloetso.

E ne ya re dikgwedi di ntse di tlhatlologana Ntwana a re o ne a kgona go kgobokanya madi a a lekaneng go ka hirisa semausu e le tsela ya go atolosa kgwebo ya gagwe.

Go ya ka Mme Ntwana a re o ne a kwadisa kgwebo ya gagwe ya kapei mme a e bitsa a re ‘ThabiLulama’ e leng maina a bana ba gagwe.

O boletse fa go hudugela kwa semausung go ne ga thusa thata ka se ne se le fa tseleng, e bile se atologilenyana; se na le phaphosinyana e batho ba ka nnang fatshe ba jela teng.

ThabiLulama Catering Services e ne ya simolola go akaretsa dijo tsa sefitlholo le tsa motshegare, mme Mma Ntwana a re o ne a thapa bomme ba banana ba le babedi ka tiro e ne e simolola go mo ketefalela a le nosi.

“Ke ne ka lemoga gore e le ruri batho ba ne ba natefelelwa ke kapei ya me ka e rile fa ke simolola go apaya dijo tsa motshegare, ke ile ka itemogela thotloetso e ntsi thata.

Ke ne ke apeela mediro e tshwana le ditshupo, meletlo ya dikompone le maphata a ga goromente ka go farologana,” ga tlhalosa Ntwana.

Go reetsa dikgakololo le dingongorego, go ya ka MmaNtwana go ne ga mo tswela mosola thata e bile ga tsisa tshepho le kutlwano gareng ga gagwe le bareki

A re gape o ithutile gore bopelotelele mo kgwebong ke konokono, a supa fa e se dinako tsotlhe mogwebi a ka itumelelang dipoelo tse di rileng.

Mme Ntwana o tlhalositse fa ka dinako dingwe a ne a lebagana le diemo tsa bosa tse di sa iketlang jaaka diphefo le dithole mme seo se kgoreletse tiro ya gagwe ya letsatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Ntau

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 19 Dec 2016