Ba le lesome le bongwe ba tlhokafetse
19 Dec 2016
Batho ba le lesome le bongwe ba tlhokafetse mo dikotsing tse di farologaneng tsa tsela kgwedi eno e le lesome le bosupa le e le lesome le boferabobedi.
Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Mahalapye, Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni, o boletse gore batho ba supa ba tlhokafetse ka Matlhatso fa bese ya Gabzlink e thulana le Audi A3 mo tseleng ya A1 gaufi le masimo a Gwape.
Ass Supt Sechoni o tlhalositse fa batho botlhe ka botlhano ba ba neng ba palame Audi ba tlhokafetse fa mo beseng go tlhokafetse ba le babedi.
A re batho ba le batlhano ba robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye ka dikgobalo tse di masisi fa yo mongwe a fuduseditswe kwa kokelong ya Sekgoma Memorial kwa Serowe.
Asst Supt Sechoni a re batho bangwe ba a sa kgonang go tlhotlhomisa palo ya bone ba ne ba alafelwa dikgobalo tse di potlana mme ba gololwa.
Asst Supt Sechoni o tsweletse ka go tlhalosa fa borre ba le bararo ba tlhokafetse ka Matlhatso fa koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologa gaufi le Mmamabula.
A re batho bao ba ba neng ba le bane ka palo, ba ne ba tswa Mochudi ba ya Bokone mme koloi ya bone ya tswa mo tseleng mme ya pitikologa.
Kwa Machaneng, mapodisi a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone mme mongwe a neng a tlhokafala morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e thule pitse mo tseleng ya Sefhare/Moshopha ka Matlhatso.
Asst Supt Sechoni o tlhalositse fa maina a baswi a santse a lobilwe go fitlha ba masika ba itsisiwe. Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se bakileng dikotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 19 Dec 2016






