Breaking News

Mpalawali o itumile wa tlase

18 Dec 2016

Monana mongwe wa mogwebi kwa Tatisiding, Rre Onkemetse Mpalawali, a re e re le ntswa a farafarilwe ke dikgwetlho di feta thapo tsa leselo, ga a na go nyema moko go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a gagwe go nna mogwebi wa popota a diragala

Rre Mpalawali, yo a tlholegang kwa Sebina, o mo kgwebong ya go pecha dithaere.

O tlhalositse fa gangwe le gape bagwebi ba na le gore fa ba welwa ke seru sa dikgwetlho ba tlelwe ke mogopolo wa go ikgogela morago mme kgwebo e felele e phutlhame.

A re mokgwa oo o atile thata segolo bogolo mo bagwebing ba banana ba ba sa ntseng ba fatlhoga mo mererong ya tsa kgwebo.

Rre Mpalawali, yo o dingwaga tse di masome a mararo le motso, o tlhalositse fa mo kgwebong ya gagwe a lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la lefelo la madirelo ga mmogo le letlhoko la madi a a lekaneng go tlamela kgwebo ya gagwe ka ditsompelo tse di tlhokegang.

A re go tlhoka lefelo la madirelo go mo kokonela thata ka jaana a tshwanelwa ke go hirisa koloi e e mo rwalelang dithoto go ya le go boa kwa thoko ga tsela ya Tonota/Francistown fa a direlang teng.

O tladistse ka go tlhalosa fa go dira jalo go le turu fela thata e bile go mo itsa go dira dipoelo tse di nametsang.  Zulu o supile fa a sale a tsene mo kgwebong e ka ngwaga wa 2012 morago ga gore a lemoge letlhoko le le ntsi la dikgwebo tse di pechang dithaere mo Tatisiding.

O boletse fa ka nako eo bontsi jwa batho ba ne ba sokola go bona ditirelo tsa go pecha dithaere ka ne ba ne ba tshwanelwa ke go ya go di bona sekgele sa dikhilomithara di ka nna lesome le botlhano kwa toropong ya Francistown.

“Ke ne ka itemogela fa go na le letlhoko la kgwebo ya go pecha dithaere mo Tatisiding mme ka seka ka ipona tsapa go dirisa sebaka seo le ntswa ke ne ke sena ditsompelo tse di lekaneng mme ka wa ke tsoga ka mo ke neng ke na le gone,”a bua jalo a tlhalosa fa go eteletsa lorato le gone go nna le maikaelelo mo go se a neng a eletsa go se dira e le gone go neng ga mo thusa go tswelela pele.

A re le mo nakong eno go sa ntse go na le letlhoko leo ka e le ene fela a leng mo kgwebong e ya go pecha dithaere. Mme ke gone ka moo Rre Mpalawali a tlhalosang gore e re le ntswa a iphitlhela a lebanwe ke dikgwetlho tsa go nna jalo, a ikiteile sehuba go sa letlelela dikgwetlho tseo go phirimisa ditoro tsa gagwe tsa go nna mogwebi wa popota mo isagong.

O tlhalositse fa a dira jalo ka go nna le lerato le le tseneletseng, a le pelotelele gape a na le maitlamo mo kgwebong ya gagwe.

A re gape o tshwara bareki ba ditirelo tsa gagwe sentle e bile ditlhwatlhwa tsa gagwe ke tse di ba kgotsofatsang nako le nako.

Rre Mpalawali o tlhalositse fa a lekile go iteka lesego go kopa dithuso tsa lenaneo la madi a banana go atolosa kgwebo ya gagwe.

O tlhalositse fa sebe sa phiri e le gore o lopiwa dingwe tsa ditsompelo tse ene a ka se di diriseng mo kgwebong ya gagwe.

Mme ka jalo Rre Mpalawali o ikuetse mo pusong gore e sekaseke tsela e go kanokiwang dikopo tsa banana tsa dikgwebo ka yone.

A re o eletsa gore fa monana a na le keletso mo kgwebong epe fela mme e bile a na le botsipa mo go yone, a itse sentle ntle gore o tlhokana le eng go tswelela a thusiwa ka dilo tsa go nna jalo.

A re nako kgolo ke eno e mo go yone letlhoko la ditiro le shenneng meno, mme ka jalo e le maikarabelo a bone e le banana go leka ka bojotlhe go iphataphatela gore kgabagare ba itepatepanye le dikgwetlho tsa botshelo. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TATISIDING

Event : Potsolotso

Date : 18 Dec 2016