Makhanselara a lopa therisano
18 Dec 2016
Makhanselara mangwe kwa Ghanzi a re go botlhokwa gore Batswana ba ka bo ba rerisitswe ka motshine o o tsileng go dirisiwa mo ditlhophong tsa botlhe tsa 2019 ka jaana e le selo se se amang molao.
Makhanselara a buile mafoko ao fa molomaganyi wa tiriso ya motshine oo, Rre Gabriel Seeletso a ne a buisa khansele ya kgaolo ya Ghanzi bosheng.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Bosele, Rre Onalethata Ngati a re go tswa goo lowe Motswana ke motho yo o ratang therisano mme mo malatsing a gompieno melao e kare e fetisiwa fela go sa rerisiwa Batswana.
Mokhanselara wa Ncojane, Rre Baduetse Setswalo a re diphetogo di tshwanetse go nna teng mme go dirilwe therisano kwa ntle ga gore go dirwe diphetogo mo molaong mme batlhopi ba sa itse.
A re motshine oo o wa o amogela mme o sebete se molangwana ka one.
Erile mokhanselara wa Grootlagte Rre Ezekiel Kajuu a akgela a supa fa ene a amogela motshine oo ka o tlaa thusa gore maduo a tswe ka bonako.
A re mafatshe a mangwe a dirisa motshine oo mme ditlhopho tsa bone di tsamaya sentle. Mokhanselara o kopile Rre Seeletso gore motshine oo o dirisiwe sentle go tila dingongora tsa batlhopi. A re tlhopho e botlhokwa fela thata mo matshelong a batho.A re fa o bona kwa mafatsheng a mangwe go na le dintwa tse dintsi jaana ke go sa tsamaisiweng sentle ga ditlhopho.
Mokhanselara Kajuu a re o kopa gore morago ga ditlhopho mochine oo o ntshe pampiri e e supang gore go tlhophilwe jang.
E rile Rre Seeletso a araba dikakgaelo tsa makhanselara a re o a itse gore maikutlo a bone a farologanye ka motshine oo mme fela ke one o o yang go dirisiwa ka ditlhopho tsa 2019 ka gore puso e setse e tsere tshwetso ebile molao o setse o fetisitswe kwa palamenteng.
Rre Seeletso a re go botlhokwa gore makhanselara a tswelele ka go bolelela batlhophi ba bone ka motshine oo ka gore ke bone baeteledipele e bile ke bone matlho a setshaba.
A re motshine oo ga o ye go fitlha sepe ka sengwe le sengwe se ya go direlwa mo pontsheng.
Rre Seeletso a re fa go simololwa go tlhophiwa o ya go ntsha pampiri le gone fa ba sena go fetsa go tlhopha o ya go ntsha pampiri ya pego e e supang gore ba tlhophile jang.
A re diofisi tsa ditlhopho mo dikgaolong di ya go tswelela di tshwara diphuthego tsa kgotla go tsibosa Batswana ka motshine oo le bone makhanselara a tshwanetse go nna le seabe se se bonalang.
Rre Seeletso a re motshine oo o ya go diragatsa dikeletso tsa Batswana e bile ga a bone fa o tsile go nna le diphoso tse dintsi jaaka o fitlhela di leteng fa go tlhophiwa.
A re mochine oo o ya go nna bofefo mo go baleng ditalama le go fokotsa mela e metelele go na le fa go tlhophiwa go dirisiwa mokgwa wa bogololo wa go tlhopha.
Rre Seeletso a re ba ya go tsamaya ba buisa dikhansele tsotlhe mo lefatsheng leno ka motshine oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 18 Dec 2016






