Breaking News

Mosung o tshela ka poko

18 Dec 2016

Rre Nonofo Mosung wa kgotla ya Boswelakoko kwa Molepolole o tlwaelesigile thata ka poko.

A re ene ke Nonofo Mosung wa Manga a Maotong, mosimane wa mainane le dithamalakane di patagane le diane. 

Monana yo, yo o tlwaelegileng thata ka leina la Blackboy, o tswa kgakala le poko ka e bile o ne a kwala a bo a gatisa buka ya maboko a Setswana ka ngwaga wa 2010 ya Pulamadibogo.

Mo nakong eno o tlhalositse fa a kwadile dibuka tse dingwe tse pedi tsa maboko tse a reng di emetse go gatisiwa. 

Rre Mosung o tlhalositse gore tlhotlheletso le lorato lwa poko di goteditswe ke go gola a fitlhela poko e le selo modiro mo losikeng lwa gagwe ka a re bangwe ba  ba ileng ba mo ratisa poko ke Dipako Sesienyane le Mmolotsa Luke ba e leng masika a gagwe. 

A tswelela a supa fa Kagiso Beleme yo e leng tsala ya gagwe e bile ba ne ba ikatisa mmogo a rotloeditse a bo a thusa go epolola bokgoni jo a nang le jone mo pokong.

A re le ntswa a ne a fiwa tlhotlheletso e ke ba losika le ene o ne a lemoga fa a na le bokgoni jwa go kwala dipolelwana le maboko a sa le mmotlana fa a tsena sekole se sebotlana sa Kealeboga.

Go godisa bokgoni jo jwa go kwala maboko go ne ga tswelela ka a re o ne a nna a tsaya karolo ka go boka ka nako ya meletlo ya kabo dietsele ko sekoleng se segolwane le gone go diragatsa ka matsatsi a sekole a bodiragatsi.

Lorato lwa go bala dibuka tsa bakwadi ba  ba farologaneng ba akaretsa Moroka Moreri, Barolong Seboni le Kgomotso Mogapi le tsone a re di nnile le seabe mo kgodisng ya bokgoni jwa gagwe jwa go kwala poko.

Rre Mosung o tsweletse ka go iteka ka gangwe le gape o tsenelela dikgaisano tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona mme a re monongwaga ga a ka kgona go fetela ko legatong la bofelo, ka a felela fela ko dikgaisanong tsa dikgaolo.

Go tlhoka go dira sentle mo dikgaisanong tseo o tlhalositse fa go sa mo kgobe marapo a tlhalosa fa go mo godisa a re o dumela gore motho o ithuta dilo tse disha malatsi otlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 18 Dec 2016