Breaking News

Banana ba lebogela lenaneo

15 Dec 2016

Bangwe ba banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba ba kaile fa le le molemo fela thata ka le tlhabolola matshelo a bone.


Mo potsolotsong, mongwe wa banana, Rre Kagiso Rasope yo o simolotseng go berekela kwa sekoleng se sebotlana sa Kgalagadi kwa Jwaneng monongwaga, o tlhalositse fa lenaneo le le siame thata e bile le mo fa sebaka sa go anya dikitso tse di farologaneng tse di mmayang mo tshiamelong ya go bona tiro ya sennela ruri.


O buile fa ka ntlha ya go tsena lenaneo leo, a kgonne go tsaya dikitso jaaka go bereka sentle le batho ba mewa e e farologaneng selo se a se kayang a ne a se tlhaela pele ga a dirisa lenaneo.


O ne a bua gape fa a kgonne go ithuta go dira ditiro tse dintsi ka nako e le nngwe fela a fa sekai sa gore o ruta bana le go nna leloko la dikomiti ka go farologana mo setshabeng.


Rre Rasope o tlhalositse gore go bereka le batho ba ba setseng ba neetswe tiro ya sennela ruri go mo thusitse ka jaana o anya megopolo e mesha e bile e farologane ka gore le ene a kgone go itlhabolola.


O galaleditse lenaneo a tlhalosa fa go bereka le fa e le ga nakwana go mo file tsholofelo ya botshelo jo bo botoka.


O gateletse fa a lemogile gore go nna mo lwapeng a sa dire sepe go ne ga tsisa mowa wa boitlhobogo le dikakanyo tse di sa siamang mme faesale jaaka a tsenelela lenaneo o bone a kgothala go ka tlhwaafalela go bona ditoro tsa gagwe di diragala.


Monana yo mongwe, Rre Thabiso Mooketsi o ne a iteela kobo moroko a bolela fa Tirelo Setshaba e mo thusa go anya dikitso tse di tlaa mo thusang go tsamaisa kgwebo ya gagwe.


“Ke tseneletse lenaneno ka gore nako nngwe ke batla go ipona ke na le dikgwebo tse di farologaneng mme ke ntse ke tlhaela kitso ya borutabana mme mo bogompienong ke tsaya kitso ya teng gore kamoso ke tle ke kgone go rulaganya dilo tsa me tsa kgwebo sentle.”


Rre Rasope le Mooketsi ba boletse fa madi a ba a amogelang ka lenaneo le one a thusa fela thata ka jaana ba kgona go reka dijo le gone go ka itlhabolola jaaka go tsaya teseletso ya go kgweetsa.


Ba boletse fa go bereka go fitlhelela nako ya dijo tsa motshegare le gone go ba fa nako ya go ka bereka ditiro tse dingwe go oketsa letseno le ba le bonang ka lenaneo le. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : JWANENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 15 Dec 2016