Breaking News

Dipetelelo di a tshwenya kwa Letlhakane

15 Dec 2016

Superintendent Michael Maphephu wa sepodisi sa Letlhakane o boletse fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa dipetelelo tse di ileng magoletsa mo kgaolong eo.


Se, se tla morago ga gore ba amogele dipego tsa dipetelelo ka go tlhomagana kgwedi eno.


Superintendent  Maphephu o boletse gore e ne ya re bosigo jwa Sontaga, mme yo o dingwaga di masome a mane le borobabobedi wa kgotla ya Tawana a betelelwa ke monna yo o dingwaga di masome a mane le bone le ene e le wa kgotla ya Tawana.


 Superintendent Maphephu o tsweletse ka gore mmelaelwa o ne a tsena mo ntlung ya mme yo a dirisa lebati le go tlhalosegang le sa tswale sentle mme a betelela mme yoo. Superintendent Maphephu o tladitse ka gore bobedi joo bo ne bo itsane.


Go ya ka Superintendent Maphephu, ba kgonne go tshwara mmelaelwa.


E ntse e le mo dikgannyeng tsa dipetelelo, Superintendent  Maphephu a re ba mo patlong ya banna ba bararo ba go bolelwang ba beteletse bomme ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga  masome a mabedi le masome a mararo le borataro.


Superintendent  Maphephu a re tiragalo e diragetse mo bosigong jwa Mosupologo fa  bomme ba bararo ba ne ba tswa kwa maitisong, mme ba kopana le banna bangwe ba bararo.


Superintendent Maphephu o tsweletse ka gore banna bao ba ne ba kgomogela bomme bao mme mongwe wa bone a kgona go falola. Bomme ba babedi ba ba neng ba sa kgona go iphalotsha ba ne ba sala ba betelelwa ke banna bao ka boraro. Ba dira molato ga ba ise ba tshwarwe.


 Superintendent Maphephu a re o gakolola bomme gore ba emise go tsamaya ka dinao bosigo ba le nosi fa ba tswa maitisong ka gore go dira jalo go ba baya mo diphatseng tsa go ka betelelwa.


Mo kgannyeng e nngwe, Superintendent  Maphephu o boletse fa lekawana lengwe la Mmatshumo le le dingwaga di masome a mabedi le borobabongwe le ipolaile bosigong jwa Labotlhano.


A re monna yoo o ikaleditse ka terata morago ga go omana le mmaagwe bosigong  jone joo.


Superintendent Maphephu a re ba ipaakanyetsa malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ka go tswelela le lenaneo la bone la malatsi a masome a marataro le le simologileng ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola gangwe.


Superintendent Maphephu a re lenaneo la bone le akaretsa go ruta setshaba sa Boteti ka go tlhokomela matlo le dikgwebo fa ba ile malatsing a  boitapoloso. O tsweletse ka gore ba tlaa nna le dikganedi tsa tsela mo ditseleng tse di tona tsa kgaolo ya Boteti  tsa Orapa/Serowe  le Letlhakane/ Francistown.


Superintendent Maphephu o rotloeditse Batswana gore ba laele baagisanyi  ba bone fa ba ya malatsing a boitapoloso  gore ba sale ba ba tlhokomeletse matlo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tumelo Koboyatau

Location : LETLHAKANE

Event : POTSOLOTSO

Date : 15 Dec 2016