Breaking News

Bana ba a latlhelelwa

06 Jun 2013

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lecheng, Mme Gabaikanngwe Bakwena, o ntshitse matshwenyego ka batsadi ba ba sa tseyeng boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba bone.

Fa a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo mo bosheng, Mme Bakwena a re bana bangwe ba tla sekoleng ka paka e e leswe, ba sa tlhapa mme ba tlhalosa fa ba nna ba le bosi, batsadi ba le kwa masimong.

A re bana ba ba sa tlhokomelweng ga ba tshele sentle mme se se ame ditlhaloganyo le boitshwaro jwa bone, ka jalo maduo a bone a wele tlase.

Mme Bakwena a re fa ngwana a sa bone tlhokomelo, ditoro tsa gagwe tsa go tshela botshelo jo bo itumediseng di ka retela ka ntlha ya go tlhoka dikgakololo le thotloetso gore a nne le boitshwaro jo bo siameng gore a ikgaphe mo ditirong tse di ka mo isang timelong.

Kgwetlho e nngwe e Mme Bakwena a reng ba lebane nao, ke ya bana ba ba lofelang sekole kgapetsakgapetsa,  a re ba salela kwa morago mo dithutong.  

Mme Bakwena a re go sa tseneng sekole ga baithuti, go ketefaletsa barutabana tiro ka gore ga go motlhofo gore ba lemoge bokoa le bokgoni jwa bone.

Baagi ba Lecheng ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke maduo a bana, ba bo ba gakolola barutabana go dira ka natla go tokafatsa maduo, ba re batsadi ba ba latlhelelang bana ba tshwanetse go tseelwa dikgato tse di gagametseng. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Moabi Obuseng

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 06 Jun 2013