Breaking News

Banni ba akgola lephata la thuto

06 Jun 2013

Baagi ba metse ya Tsootsha le Charleshill, ba itumeletse diphetogo tse di dirilweng ke lephata la thuto le tlhabololo dikitso tsa gore bana ba lekwalo la bosupa le la bone ba boelele fa ba sa dira sentle mo ditlhatlhobong,.

Ba ntshitse mafoko ao mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke tona was lephata la thuto, Dr Pelonomi Venson Moitoi, kwa metseng eo bosheng. Ba ne ba ngongorega ka dintlha di le mmalwa jaaka go sa sa baakanngwe ga dikole, go tlhaela ga barutabana le go sa  tseneng diphuthego ga batsadi.

Tona o ne a supa fa ba kopile madi go tla go baakanya dikole le go di tsenya motlakase. O ne a kopa barutabana gore ba simolole go kwadisa bana ba ba tshwanetseng go simolola lekwalo la bongwe ngwaga o o tlang gore ba kgone go simolola go tsena sekole go sa ntse go na le nako e ntsi ka gore barutabana ba supa fa lenaneo leo lena le maduo.

Tona o boletse gore go na le bathusa barutabana, ba ba thusang  bana ba ba sa utlweng Setswana jaaka bana bangwe ba Basarwa. A re lenaneo leo le tsweletse sentle ka gore kwa kgaolong ya Ghanzi, go setse go thapilwe ba ferabongwe.

ENDS

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Jun 2013