Palapye boremelelo jwa ditagi
14 Dec 2016
Mookamela kgaolo ya bokoni jwa legare (north central) mo sepodising, Senior Assistant Commissioner Christopher Mbulawa a re ba tshwaragane le namane e tona ya go lwantsha ditagi mo kgaolong ya legare.
Rre Mbulawa a re go lebega fa Palapye e le boremelelo jwa tsone.
A re go dirisiwa Palapye go tsenya ditagi mo lefatsheng leno morago di phatlaladiwe le lefatshe leno ka bophara.
A re seemo se ga se beye sentle kgaolo ya legare, ka jalo a kopa ba-tsaya karolo botlhe go ema ka dinao go lwantsha seemo se.
O ne a bua kwa thutopuisanyong ya twantsho nnotagi kwa Serowe ka Labotlhano.
O ne a supa fa dipetelelo di le dintsi mo kgaolong ya Serowe, a re di akaretsa go betelelwa ga bana ba dikgwedi tse tharo go ya kwa bagolong ba dingwaga tse di masome a a ferang bongwe le botlhano.
Mmaboipego kwa Sekgoma Memorial Hospital, Mme Khabenyana Kegatileng o supile fa ba setse ba amogetse batho ba le masome marataro le bongwe ba ba beteletsweng, a re mo palong eo ba fera bongwe ke borre.
A re borre ba ne ba betelelwa ke borre ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Thutopuisanyong
Date : 14 Dec 2016






