Breaking News

Kereke ya Hermon e aba ntlo

14 Dec 2016

Kereke ya Hermon e abetse motlhoki ntlo kwa Sefhophe mo kgaolong ya Mmadinare bosheng.


Fa a amogela baeng kwa tirong ya go aba ntlo, mothusa kgosi wa Sefhophe, Kgosi Segwabe Segwabe o tlhalositse fa a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke kereke ya Hermon morago ga go lemoga fa go na le botlhoki kwa ga Mme Gabotshele Gaolatlhe. A re Mme Gabotshele o tlaa ja keresemose a itumetse.


Fa a ntsha la gagwe, mokwaledi mogolo wa kereke ya Hermon, Mme Sepora Legwasa o ne a tlhalosa gore ntlo ya ga Mme Gaolatlhe e ne ya simolola go agwa go setswe morago keletso ya motlhami wa kereke ya bone, Rre Joel Madimabe fa a ne a santse a le botshelong.


Mme Legwasa a re ntlo e simolotse go agwa ka 2014 mme ya tloga ya ema ka ntata ya loso lwa ga Mopapa Madimabe.


 A re e ne ya re morago kereke ya ikopanya go kgobokanya madi go feleletsa ntlo. O ne a leboga Mme Diatla Mokotedi yo o nnileng le seabe se segolo mo go feleletseng kago eo.


A re madi otlhe a ba neng ba a kokoantse go aga ntlo e ne e le P49 000. Mme Legwasa a re o lebogela thotloetso ya phuthego Hermon ga mmogo le banni ba Sefhophe.


E rile a ntsha la gagwe moemedi mo lenaneong la ga Tautona la go agela batlhoki mantlo kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame a akgola phuthego ya Hermon ka tiro e ba e diretseng Mme Gaolatlhe.  


A re kereke e diragaditse lengwe la matshego a setshaba a Vision 2016 la tshaba e e lorato gape e le kutlwelobothoko. Rre Moribame o ne gape a tlhalosa gore e sale jaaka Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a tlhaba mokgosi wa gore batlhoki ba agelwe mantlo ka2010 go fitlhelela gompieno, go setse go abilwe matlo a le makgolo marataro, masome a fera bobedi le bongwe go balelwa le ya ga Mme Gaolatlhe.

A re matlo a le masome mabedi le bobedi a feditswe a emetse go ajwa.


Mme Gaolatlhe o lebogile go menaganye. A re tebogo e kgolo e a ka e supang ke go fa ntlo ya gagwe tlhokomelo ya maemo a ntlha ka e mo fa seriti ene le ba lolwapa lwa gagwe. O ne a supa fa Batswana e le batho ba ba lorato e bile ba na le kutlwelobotlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keneilwe Gaonyadiwe

Location : SEFHOPHE

Event : Kamogelo baeng

Date : 14 Dec 2016