Breaking News

Molefhi o rola matlo a SHHA

14 Dec 2016

Tona wa tsa Dikago le Matlo, Rre Nonofo Molefhi, o rotse matlo  a a agilweng ke lenaneo la SHHA Turnkey a le masome matlhano le bongwe mo kgaolong ya Tonota Bophirima.


Fa a rola matlo ao semmuso bosheng, Tona Molefhi o tlhalositse fa matlo ao otlhe a fedile mo sebakeng se se neng se dumelanwe, ka jalo a leboga ba-tsaya karolo botlhe ba ba dirileng ka natla gore tiro eo e wele go se na dikgotlhang.


O tlhalositse gape gore madi a SHHA ke a kadimo a a se nang morokotso, mme o kopile ba ba tsereng lenaneo le go busa madi ka nako gore Motswana yo mongwe le ene a bone boroko.


O kopile dikhamphani go dira tiro ya bone ka bonokopila le botswerere gore ba itirele maina a mantle.


Tona Molefhi o ne a tsweledisa tiro ya gagwe ya go rola matlo, ka jalo a tsena mo kgaolong ya Francistown Bophirima kwa Gerald Estates kwa a fetileng a rola matlo a le masome a supa le bosupa. Mo go one matlo ao a le masome a mane le bobedi a setse a fedile fa a le masome mararo le botlhabo  a tsweletse.


Moemedi wa koparase ya kago ya matlo (BHC) Rre Mookodi Seisa o lebogetse botlhe ba ba neng ba tshwere tiro go fitlhelela e wela.


Rre Seisa a re seo se supa maikarabelo le maikemisetso a go rungwa ke puso go aga matlo a le kalo, a tlatsa ka go re BHC e ikemiseditse go dira tiro ya maemo a ntlha mo seelong se se beilweng.


A re le fa go ntse jalo ba itemogela dikgwetlho tsa letlhoko la metsi ga mmogo le bogodu jwa didirisiwa tsa kago. Rre Seisa o supile gore  letlhoko la metsi le ba paledisa tiro.


Fa a ntsha la gagwe, mmakonteraka wa khamphane ya Ziacha, Mme Basuthu Musindo a re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke tsa dituelo.


O buile gore seo se dira gore babereki ba latlhegelwe ke tshepho mo go bone.


Mme Musindo o lebogetse mananeo a puso a re a thusa botlhe ba ba nang le seabe go oba lebogo ga mmogo le ba ba abelwang matlo.


O kopile puso go rotloetsa dikhamphane tsa bomme ka go ba fa ditiro tsa go nna jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TONOTA

Event : Turn Key

Date : 14 Dec 2016