Breaking News

Kgosinkwe o tshela ka poko

13 Dec 2016

Rre Dintle Kgosinkwe, wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano, o ikaya fa e le mogaka wa poko mo kgaolong ya Mmathethe- Molapowabojang.


O tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa a tswa kgakala le poko ka a ne a rata go kwala maboko a sale kwa sekoleng.


A re e ne e le bangwe ba barutabana ba neng ba ba tshephile go diragatsa poko,bogolo jang fa go na le ditiro mo sekoleng,go tloga ka dithuto tse dipotlana go felela ka tse dikgolwane.


A re e rile go lemoga talente le bokgoni jwa go boka, a seka a gadima kwa morago, mme a ikopanya le megaka e mengwe go mo fa botsipa,mme a tswelela ka go boka.


Rre Kgosinkwe a re ditoro tsa gagwe di ne tsa fetoga nnete fa lephata la banana le semolodisa dikgaisano tsa bodiragatsi tsa dikgaolo tsa botlhophi.


A re di mo godisitse fela thata e bile a dira bontle ka go ikgapela maemo a ntlha nako le nako.


“Ke leboga ba lephata la banana go re tsisetsa lenaneo le re le badiragatsi re ribololang ditalente tsa rona, ke ikutlwa ke le mogaka ka teko ya me ke tsweletse ka go dira bontle”,ga bua Rre Kgosinkwe.


O tsweletse a tlhalosa fa a sa felele fela mo dikgaisanong tsa kgaolo,mme a tsweletse ka go iteka lesego mo go tsa ngwaga le ngwaga tsa ga Tautona, a re lefa a sa dire bontle mo go tsone,ga a kitla a kgobega marapo.


Le fa go ntse jalo, ekawana le le tlhalosa fa lemme le a atswiwang ka lone morago ga tiro e e manontlhotlho e, le mmutse tlhaloganyo ka a ne a simolodisa kgwebonyana ya go kwala dikipa le tse dingwe,mme a tswelela fela jalo go fitlhelela a kopa dithuso mo lephateng lone le, go godisa kgwebo ya gagwe,mme a atlega a adimiwa P100 000.


A re o rotloetsa banana ka ene go supa ditalente tsa bone,mme gape a re le lone lemmenyana le ba atswiwang ka lone ba le dirise mo ditirong tse di mosola jaaka go ipulela dikgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Randy Kgosinkwe

Location : LOBATSE

Event : POTSOLOTSO

Date : 13 Dec 2016