Majalwa a a seng ka fa molaong a tshwenya kgosi
13 Dec 2016
Kgosi Keleohile Phihadu wa Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi a re o tshwenngwa ke majalwa mangwe a a omelwang mo malwapeng.
Kgosi Phihadu o ntshitse matshwenyego a mo potsolosong bosheng.
Kgosi o boletse fa go na le batho bangwe ba ba omelang majalwa mangwe jaaka ginger, sejobojobo a go belaesegang a le borai mo botsogong jwa batho ka a felela a baka dintsho a supa fa a setse a gapile matshelo a batho bangwe mo motsing wa gagwe.
O ne a tlhalosa fa go na le majalwa mangwe a a letlelesegang go dirwa mo malwapeng a a akaretsang khadi e e dirwang ka moretlwa, mogwana, morula, mabele le a mangwe.
Kgosi Phihadu o ne a gakolola morafe wa gagwe go ya go tsaya diteseletso tsa go omelwa ga majalwa ao a Setswana kwa kgotleng go itsa dikgotlhang magareng ga dikgosi le mapodisi.
O boletse fa e tlaa re mo bogaufing a bitse phuthego go gakolola morafe wa gagwe mabapi le go omelwa ga majalwa ao ka a le borai e bile go belaesega fa a tshwakanngwa ka metswako mengwe e e sa itsiweng ka maikaelelo a gore a nne le kgogedi.
Kgosi Phihadu o ne a kopa setshaba go tlhagisa le go loma tsebe e le dikgosi ga mmogo le mapodisi mabapi le batho bangwe ba ba omelang majalwa ao a a seng ka fa molaong ka seo se ka thusa thata mo go ba tseeleng dikgato tse di gagametseng.
Matshwenyego a ga kgosi a ne a supiwa gape ke mookamela mapodisi a motse oo Superintendent Mompoloki Ramatsia yo a reng ba tshwentswe ke seemo seo le gore ba beile leitlho thata ka go tsamaya mo motsing.
E re dikgang di eme jalo Superintendent Ramatsia a re mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng mosadimogolo mongwe a tlhokafetse kgwedi eno e tlhola ga tlhano gaufi le Kokotsha.
Go ya ka Superintendent Ramatsia, mosadimogolo yoo o ne a begwa ke mofeti ka tsela yo o neng a begela mapodisi.
O boletse fa mapodisi a ne a ragosetsa mosadimogolo yoo, kwa sepateleng sa Jwaneng kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.
A re mo nakong ya gompieno serepa sa moswi se mo setsidifatsing sa sepatela seo mme ba bongaka ba setse ba se reboletse ba losika go ya go se boloka.
Superintendent Ramatsia o boletse fa tiraglo eo e diragetse jaaka mosadimogolo a ne a le mo mosepeleng go ya go amogela madi a bogodi mme go belaesega fa gongwe a ne a babalelwa ke letsatsi ka mogote o le kwa godimo thata mo kgaolong ya Kgalagadi.
Mabapi le tiragalo eo, o ne a kopa setshaba go tlhokomela batsadi ba bone bogolo jang fa ba setse ba le mo seemong sa bogodi le gone go itshireletsa ka go dirisa dikhukhu le go fokotsa go tsamaya mo mogoteng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : POTSOLOTSO
Date : 13 Dec 2016






