Breaking News

Go gola ga kgokgontsho ya bong go a ama

13 Dec 2016

Moemedi wa sepodisi sa Botswana, Rre David Mosetse, a re kgokgontsho ya bong e tsweletse ka go gola.


Mothusa ramapodisi mo lekalaneng la twantsho borukutlhi, o buile se kwa segopotsong sa malatsi a go ema kgatlhanong le kgokgontso ya bong kwa Serowe bosheng.


Rre Mosetse o gwetlhile setshaba go seka se ikgatholosa dikgang tsa kgokgontsho fa di ama ba ba bapileng le bone.


A re batho ba na le mokgwa wa gore dikgang ga di ba ame fa di ise di goroge mo malwapeng a bone.


Mothusa ramapodisi o ne a tlhalosa gape fa kgokgontsho ya bong e na le seabe se segolo mo go phutlhameng ga malwapa le go ikgapela matshelo ga batho bangwe.


O ne a rotloetsa batsadi go nna sekao se se siameng mo malapeng a bone ka bana ba kopa mekgwa e ba e bonang e dirwa ke batsadi ba bone.


Rre Mosetse o ne a kgala mokgwa o e tleng o dirwe ke bangwe wa go tsholola dikgang ko go ba sepodisi morago ga gore ba kgokgontshiwe.


O ne a tlatsa ka gore seo e nna poelo morago mo maitekong a bone e le sepodisi a go fedisa kgokgontsho.


A re go tsholola dikgetsi gape ga e nne tharabololo ya mathata a a ka bong a ne a lwelwa ke bobedi.


Rre Mosetse o kaile fa kgokgontsho ya bong e apesitse lefatshe la Botswana lotlhe kobo ka letshoba.


A re le fa go ntse jalo kgaolo ya bokone ja legare (North Central Division) e amega ka e gatisa dipalo tse di kwa godimo fela thata.


Mogolwane yoo o ne a supa fa ka ngwaga, sepodise se gatisa dikgetsi tse di fetang 2100 tsa petelelo e le mongwe wa mefuta ya kgokgontsho.


Rre Mosetse o ne a supa fa mo dikgannyeng tseo tsa petelelo, go lemosegile fa go amega bana ba basetsana segolo bogolo ka e le bone ba dirisiwang.


A re se se ngomolang pelo ke gore dipetelelo tse di direga e le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang mme se se baya bana ba mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse.


Mogolwane go tswa ko meepong ya Debswana Orapa, Letlhakane le Damtshaa, Rre Thatayaone Sithole o ne a kaya fa kgokgontsho ya bong e na le ditlamorago tse di maswe mo go tsweleleng ga lefatshe.


A re kompone ya Debswana ka e le yone e nang le seabe se segolo mo itsholelong le tswelelopele ya lefatshe la Botswana e bone go tshwanela gore e rotloetse letsholo kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.


O ne a bolela fa kompone ya gagwe e ntshitse madi a a kanang ka P152 000 go rotloetsa bomme ba sepodisi mo maitekong a bone a go emisa kgokgontsho ya  bong.


Mmaboipelego kwa sepateleng sa Sekgoma, Mme Kgabenyana Kegatileng o kaile fa tiriso botlhaswa ya ditagi e amana thata le kgokgontsho ya bong.


O supile fa ditshekatsheko tsa bone di ba lemotshitse gore bontsi ja bakgokgontshi ke batho ba ba dirisang ditagi botlhaswa.


A re ditagi di na le thata ya go ama tlhaloganyo ya motho mme a iphitlhele a tsere ditshwetso tse di seng maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Gabosekwe

Location : SEROWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 13 Dec 2016