Breaking News

Lephata la mesepele le abela motlhoki

13 Dec 2016

Lephata la mesepele le ipabalelo tseleng le agetse Rre Jacob Chilumbu wa kgotlana ya Ndundu kwa Shakawe ntlwana ya boitiketso, fa godimo ga go mo tsenyetsa pompo le go agelela lelwapa la gagwe.


O ne gape a abelwa bolao, dikobo, mesamo, dijo, melora le diaparo.


Mokhanselara wa kgaolo-potlana ya Shakawe Botlhaba Rre Lesedi Boy, o akgotse tiro e e dirilweng ke lephata leo, a supa fa pitso ya puso ya go thusa ba ba tlhokileng lesego e atlega mo kgaolong ya gagwe.


Mokhanselara o lebogetse seriti se se buseditsweng mo go Rre Chilumbu a supa fa le ene jaanong a na le se a ipitsang ka sone.


A re lephata la mesepele le a tshephega ka gore le kgonne go diragaditsa tsholofetso e ba saleng ba e solofeditse rre yoo fa ba ne ba mo abela ntlo ya borobalo ngwaga o o fetileng.


Rre Boy a re Batswana ba na le mokgwa wa go lebala dilo tse dintle tse ba di diretsweng go na le tse di bosula, a tlhalosa gore seo se dira gore ba tshabelelwe ke bosula ka ba lebala dilo tsa Modimo go na le tsa ga Saatane.


Le fa go ntse jalo mokhanselara o ne a gakolola batho go nna ba ipaya fa pele ga Modimo dinako tsotlhe a supa fa e le yone fela karabo mo mathateng otlhe, a gakolola gore ba itlwaetse go nna ba ipaya fa pele ga one dinako tsotlhe le fa ba se mo botlhokong.


O ne a kopa lephata la mesepele go tswelela ka mowa oo wa tshwaragano go ya pele, a tlatsa fa e le ruri go le sego letsogo le le abang go na le le amogelang.


Fa a mo kgwa dikgaba mogolwane mo lekalaneng la pharakano ya dikoloi, Rre Timothy Phalane a re lephata la mesepele le simolotse maiteko a lone a go tsibogela letlhoko la lelapa leo ka ngwaga wa 2014 ka thuso ya ofisi ya ba boipelego.


A re morago ga go lemoga fa thuso ya ntlo e sa thusa mo go kalo e bile ba lebile gore Rre Chilumbu ke mogodi, ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba kokoanya madi a ba kgonneng go gokela metsi le go reka dimpho tsotlhe tse ba di fileng rre yoo.


Rre Phalane o ne a gakolola Batswana go thusa bangwe ka bone segolo bogolo bagodi a tlhalosa fa e le bone ba tshwereng masego otlhe ka gore bone fa o ba thusitse ga ba na go lebala thuso eo e bile ba e lebogela malatsi otlhe.


O supile fa batho ba lekana mo matlhong a Modimo ka jalo le fa motho a ka ikgagapelela dikhumo a sa thuse bao ba a tshelang le bone a re ene o botoka, Modimo o bona batho ba lekana fela botlhe.


O ne gape a leboga batho ba ba neng ba ithaopa go epa mosele wa pompo, go epa lefuti la ntlwana ya boitiketso, ga mmogo le bao ba ba kgonneng go dirisa nako ya bone go epa mafuti a terata eo, a tlatsa fa batho bao e le basamaria ba ba molemo e bile tirisano mmogo e ba e supileng e le botlhokwa mo go ageng tshaba e e lebelang ko pele.


Rre Phalane o ne a kopa bana ba ga Rre Chilumbu go tlhokomela dilwana tsa ga rraabone gore a tle a kgone go di dirisa lebaka le le leele.


Fa a ntsha la gagwe yo o thusitsweng o lebogetse thuso eo thata a supa fa a le sego go bo lephata leo le kgonne go lemoga botlhoki jwa gagwe le go mo tswa thuso eo.


O ne a supa fa a ne a sokola thata a sena fa a bayang tlhogo teng e bile a gelela metsi kgakala ka seemo sa gagwe sa bogodi, ka jalo a supa fa a se kake a lebala thuso eo e bile a ya go rapedisa batho ba ba mo thusitseng gore ba okelediwe thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : SHAKAWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 13 Dec 2016