Lenyalo le tlhoka motheo o o lolameng
12 Dec 2016
Molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, Mme Chabongwa Matseka, a re go botlhokwa gore motho a ipaakanye pele a tsena mo nyalong go itsa dikgang tse gantsi di dirang gore manyalo a felele mo phefong.
O buile jalo mo potsolotsong bosheng.
Mme Matseka a re banana ba tsena mo nyalong ka go kgatlhwa ke go bona balekane ba bone ba nyetswe mme bone ba sa ipaakanya, selo se a rileng gantsi ke sone se bakang gore ba seka ba sala maikano a lenyalo morago ka ba wela fela.
A re pele motho a tsena mo nyalong o tshwanetse a tlhaloganya gore nyalo ke eng.
O ne a tlhalosa fa lerato e le lone mangmang wa lenyalo le gantsi le akaretsang boineelo, tlotlo le tirisano mmogo magareng ga bobedi.
O kopile batsadi go fa banana sebaka sa go ipatlela bakapelo ba bone ba ba ba ratang pele ga lenyalo.
Molaodi o kgadile banana ba ba tsholang bana pele ga lenyalo selo se a reng ke sengwe sa dilo tse di bakang tlhokakutlwisisano mo lenyalong.
Mme Matseka a re tshwetso ya go tsena mo nyalong e tshwanetse ya dirwa ke batho ba ba nang le keletso ya go dira jalo ba se ka fa tlase ga kgatelelo epe, a supa fa go le botlhokwa go itse mokapelo wa gago pele o tsena mo nyalong le ene.
“Itse motho yo a go nyalang pele o tsaya tshwetso eo, itse seemo sa gagwe sa mogare o tshwanetse gape wa itse gore o na le bana ba le kae go itsa tlhoka kutlwisisano morago ga lenyalo”, ga tlhalosa jalo Mme Matseka.
A re go nna le bakapelo ba bangwe o ntse o nyetse ke dingwe tsa dilo tse gantsi di dirang gore manyalo a felele a thubega. O kaile fa motho a tshwanetse go rata motho yo a mo nyetseng fela go emisa le gone go anama ga mogare wa HIV.
“Ke kopa gore banana ba ba ikaelelang go tsena mo nyalong ba tsee ka tlhwaafalo maikano a nyalo ba bo ba a sala morago”, ga bua molaodi.
Mme Matseka o kgadile a sa kgwe mathe bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba bo ba reka dilwana mmogo le go tsaya ditshwetso mmogo selo se a reng se baka dikgang fa batho ba go nna jalo ba kgaogana kana mongwe wa bone a tlhokafala.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya dithabololo ya kgotla ya Sedie, Rre Kerakile Nkape o kaile fa batho ba tshwanetse go tsena mo nyalong dikeletso tsa bone di sa farologane.
Rre Nkape a re ene o kgonne go nna mo nyalong dingwaga tse di masome a mararo le bongwe ka gore ene le mohumagadi wa gagwe dikeletso tsa bone di ne di tsamaelana mme ka seo ba ne ba kgona go sala maikano a lenyalo mmogo go sena sekgoreletsi sepe.
A re boineelo mo lenyalong, bopelotelele le lorato ke tsone tse di ba dirileng gore ba tshele mmogo ka lobaka le le kalo.
O ne a kopa banana ba ba ikaelelang go tsena mo nyalong go tlhaloganya gore nyalo ke eng pele le gone gore e tlhoka eng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : GABORONE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Dec 2016






