Go itlhatlhobela mogare mmogo go botlhokwa
12 Dec 2016
E re ka lefatshe leno le boloditse ntwa kgatlhanong le kanamo e ntsha ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, makgotla a a ikemetseng ka nosi le maphata ka go farolagana a tsweletse ka go leka go thibela kanamo e ntsha ya mogare o.
Lekgotla le le ikemetseng ka nosi la Botswana Family Welfare Association ke gore BOFWA ke lengwe la makgotla a a mo letsholong la go fedisa kanamo ya mogare.
Lekgotla le, le rotloetsa bakapelo go itlhatlhobela mogare mmogo e le tsela ya go thibela kanamo ya mogare.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng mogakolodi mo lekgotleng la BOFWA ,Rre Moses Tlhalerwa, o supile fa go le botlhokwa thata gore bakapelo ba itlhatlhobele mogare le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo mmogo.
A re go botlhokwa ka gore, fa bakapelo ba itlhatlhoba mmogo, go fokotsa kgonagalo ya gore motho yo o fitlhelwang a na le mogare mme yo a tshelang le ene a sena one, a seka a o fetisetsa mo mokapelong wa gagwe.
A re gape se se dira gore bakapelo boo babedi ba itse gore ba ka itlhokomela jang go tswa fela gore maduo a ditlhatlhobo ke a a ntseng jang.
O supile fa go itlhatlhoba mmogo go le botlhokwa ka go tsisa tshepho le lorato mo gareng ga baratani ka se se supa fa bobedi jo, bo kgathalelana ka botsogo le matshelo a bone.
A re se sengwe gape ke gore fa bakapelo ba itlhatlhoba mmogo, fa mongwe wa bakapelo a fitlhelwa a na le mogare mme yo mongwe a sena one, go nna motlhofo gore yo mongwe a itse maduo a yo o tshelang le ene, gona le yo o tlang a le nosi go itlhatlhoba mme a felele a lebaganwe ke kgwetlho ya go ya go begela yo a tshelang le ene seemo sa gagwe.
“Bangwe ba kgona go loba maduo a fa ba tla ba le nosi go itlhatlhoba, mme se se bee matshelo a bone le ba ba tshelang nabo mo diphatseng,” ga bua Rre Tlhalerwa.
O tsweleletse a supa fa go itlhatlhoba mmogo ga bakapelo go rotloetsa bakapelo go emelelana mo diemong tse di thata tse di tshwanang le tsa fa mongwe wa baratani a fitlhetswe a na le mogare, mme yo mongwe a sena one o ka mo rotloetsa go ja dijo tse di nang le dikotla le go nwa diritibatsi sentle.
“Selo se, se rotloetsa gape go fokotsa ditlhalano mo gareng ga baratani ka go bo re sidila baratani maikutlo go ba baakanyetsa gore ba amogele maduo mangwe le mangwe a a ka tswang fa ba sena go itlhatlhoba,” ga bua Rre Tlhalerwa.
O tsweletse a supa fa go itlhatlhoba mmogo ga bakapelo go ka rotloetsa gore baratani ba bue ba phuthologile ka tsa tlhakanelo dikobo le gore ba ka itlhokomela jang gore ba tswelele ba tshela ka mogare kana go itsa go tsenwa ke mogare.
Rre Tlhalerwa a re, o itemogetse fa baratani mo Maun ba ba tlang go itlhatlhoba mmogo mo kokelwaneng ya bone e le ba ba fa gare ga dingwaga tse di lesome le borataro le masome a mararo le botlhano.
“Gantsi baratani ba, e a bo e le ba ba iseng ba nyalane,” ga bua Rre Tlhalerwa.
O tlhalositse gore, fa maduo a bakapelo a farologana, ba ba rotloetsa go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe gore mogare o seka wa fetela kwa go yo o senang one.
A re o rotloetsa bakapelo go nna ba itlhatlhobela mogare mmogo morago ga dikgwedi tse tharo ka fa gongwe mogare o a bo o ise o itshupe mo mading ka nako ya fa motho a itlhatlhoba.
“Nako e mogare o iseng o itshupe mo mading, go diphatsa thata ka mogare o anama thata ka sone sebaka se”, Rre Tlhalerwa a tlhalosa.
Rre Tlhalerwa o supile fa borre le bomme ba ba nyalaneng mo Maun, ba tla ka dipalo tse di kwa tlase go itlhatlhobela mogare mmogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Dec 2016






