Breaking News

Batswana ba kgothadiwa go itlhokomela

12 Dec 2016

Batswana ba kopiwa go itlhokomela mo magodung le go kgweetsa ka keletlhoko go hema dikotsi ka malatsi a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosha.


Kgosi  Lekgatlanye Mabua wa Dibete mo kgaolong- potlana ya Mahalapye o ntshitse kgothatso mo potsolotsong bosheng.


A re o kopa Batswana go emisa go nwa ba kgweetsa ka go tsenya matshelo a bone mo diphatseng.


“Tswetswe reetsang mapodisi fa ba le gakolola,gape re emise go nwa re kgweetsa tlhe Batswana betsho,”a tlhalosa.


Kgosi a re tsela ya A1 e e fetang ka Dibete ke yone e tshabelelwang thata ke dikotsi mme bontsi jwa tsone go fitlhelwe fa nne motho a itshietse bojalwa, a tlatsa ka gore koloi le bojalwa ga di tsamaisane.


Le fa gontse jalo, kgosi a re ngwaga le ngwaga ba rapela tsela eo,a tlatsa ka gore ba rapelela fa go diragaletseng dikotsi tse di masisi teng.


O ne a tlhalosa fa sale ba simolola merapelo mo tseleng dikotsi di fokotsegile fela thata,mme a re o kopa dikereke le magosi a metse e mengwe go rapelela ditsela.  


A re o itse sentle gore go nowa ga bojalwa phetelela e bile bo nowa bosigo mme go tswa foo go bo go tsewa mesepele e meleele ga go siama ka le gone go baka dikotsi.


Motho fa a nole bojalwa ga kgone go nna le maatla a go tshwara koloi fa e tswa mo taolong,ka jalo Batswana ba tshwanetse go ikhutsa fa ba tsaya mesepele e meleele gore ba kgone go goroga go sena bothata bope.


Kgosi a re o lebogela mapodise ka go dira dikganedi mo tseleng le go ruta batho ka mosola wa go kgweetsa ba itekanetse.


Mo go tse dingwe, Kgosi a re bone mo motseng wa bone ba apesitswe kobo ka letshobo ke borukhutlhi bogolo jang ja kiteo le ba leruo a re ebile setse ba sa itse gore jaaka malatsi a botsalo jwa morena a goroga jaana ba ipotsa gore go tlaa diragalang.


A re ka malatsi ao batho ba ntshana dintho tse di masisi,a tlatsa ka gore bontsi jwa ditiragalo tseo di diragalela kwa mafelong a thekiso ya bojalwa jaaka dibara.


O tswelela a tlhalosa ka gore fa nkabo batho ba itse Modimo go ka bo go seke go nna le ditiro tse di ngomolang pelo ka matsatsi a.


O tladitse ka gore borukutlhi bo ka kgonwa ke poifo Modimo le dithapelo tse di tseneletseng.


A re ba lela selelo sa ga Ragele ka ntata ya borukutlhi jo bo tlhobaetsang banni bosigo le motshegare,a tlatsa ka go kgothatsa banni ba Dibete go ema kgatlhanong le mekgwa e e maswe ya borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Dibete

Event : POTSOLOTSO

Date : 12 Dec 2016