Botswana o gatela pele mo go lwantsheng HIVAIDS
12 Dec 2016
Moeteledipele wa Ndadi Law Firm, Rre Uyapo Ndadi, o boleletse banni ba toropo ya Jwaneng gore ke nako ya gore Batswana ba ipelele tse ba di kgonneng go lwantsha HIV/AIDS.
Rre Ndadi o buile jaana kwa segopotsong sa bolwetse joo kwa Jwaneng bosheng.
A re go na le go gopola fela, Batswana ba tshwanetse go ipela ka jaana lefatshe leno le kgonne go tokafatsa diemo dingwe ele maiteko a go lwantsha segajaja seo.
A re e re le ntswa go na le dingwe tse a leng sebete se molangwana ka tsone mo molaong wa botsogo, o akgola puso go bo e ne ya dumalana le mogopolo o o ntshitsweng wa gore batho ba seka ba tlhatlhobelwa mogare wa HIV pele ga ba ka hirwa.
A re go le pele tlhatlhobo ya botsogo ya khiro e ne e akaretsa le HIV mme bahiri bangwe ba dirise seemo sa batho sa mogare ele sekgoreletsi gore ba hirwe.
O tsweletse a tlhalosa gore pele bahiri bangwe ba ne ba koba babereki ba ba nang le mogare mo tirong, selo se a reng se ne sa lwantshiwa kwa makgotla tshekelong gore mongwe le mongwe a nne le tshiamelo ya go bereka go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa mogare ke se fe.
Rre Ndadi a re erile bosheng ga dumalanwa gore magolegwa a batswakwa a fiwe diritibatsi ka jaana go tlhoka go dira jalo e le tsuololo ya ditshwanelo tsa setho fela mme e baya le matshelo a magolegwa a Batswana mo diphatseng. A re go tlhoka go fa magolegwa ao diritibatsi go ne go ka dira gore Batswana ba ba tshelang jalo kwa kgolegelong ba tsenwe ke malwetse a a ipatileng ka mogare wa HIV.
Le fa go ntse jalo, Rre Ndadi a re go ipelela kgatelopele e ga go reye gore ntwa e fedile go ka bewa marumo fatshe. O kopile Batswana go nna le seabe ka bongwe ka bongwe go lwantsha kanamo ya mogare oo.
A re ba itlhatlhobele mogare ba bo ba rotloetse ba masika le ditsala gore ba ba amegileng ba tle ba tsene mo lenaneong la diritibatsi.
A re kgethololo ya batho ba ba tshelang ka mogare e sa ntse e le kgwetlho mo lefatshing leno mme ebile e tshabisa batho go amogela seemo sa bone. A re kgethololo e ke yone e dirang gore batho bangwe ba tshabe go tsaya kalafi ya diritibatsi sentle. O kopile ba ba mo lenaneong la diritibatsi go tsaya kalafi sentle ka jaana e le maitlamo a botshelo jotlhe. A re ba seka ba letlelela ditumelo tsa bone go kgoreletsa thulaganyo ya diritibatsi ka ditlamorago tsa teng di sa ame botsogo jwa bone fela mme di ama le itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : segopotso sa bolwetse
Date : 12 Dec 2016






