Patang bana ka bosupi mo mesepeleng
12 Dec 2016
Motshwarelela mookamela mapodisi a Tonota Superintendent Detective Diane Lintigetse a re go botlhokwa go tsaya mosepele le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ka dinako tsotlhe.
O dirile kgakololo e mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba na le go itlhokomolosa molawana o.
Superintendent Detective Lintigetse o tlhalositse fa go le botlhokwa gore ope fela fa a tsaya mosepele le ngwana yo o dingwaga tse di kwa tlase a tshwanelwa ke go nna le sesupo se se tletseng gore ngwana ke mang, o tswa kae, o ya kae le gone gore o na le mang.
A re fa e le motsadi wa ngwana, o tshwanelwa ke go supa setlankana sa ngwana sa matsalo le tumalano e e tletseng go tswa mo letlhakoreng le lengwe la botsadi, le fa ngwana a tsamaya le mongwe wa lesika kgotsa mongwe fela.
O boletse fa go dira jalo e le nngwe tsela e ka yone ba lekang go hema dikgang tse di atileng lefatshe ka bophara tsa go utswiwa ga bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba feletsang ba dirisiwa ditiro tse di botlhaswa jaaka tlhakanelo dikobo kgotsa ditiro tsa bokgoba. ENDS
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TONOTA
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Dec 2016






