Phuduso ya kgotlana e baka kgotlhang
12 Dec 2016
Morafe wa kgotlana ya Thobani kwa Zwenshambe o supile o sa itumelela go fudusiwa ga kgotlana ya bone ntle le morero le fa e le tsone ditumalano magareng ga bone le kgosana ya bone.
Morafe oo, o ne wa itumela morago ga gore Kgosi Moses Mabutho a ba rurifaletse fa ba tsere tshwetso le dikgosana tse dingwe gore kgotlana eo ya Thobani e boele kwa lefelong la yone la pele.
Mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa lefelong la bone la pele bosheng, morafe o ne wa supa fa kgotlana ya bone e na le makgamu a le mabedi golo mo go ka felelang go baka dikgotlhang le dintwa magareng ga bone le boeteledipele jwa bone, ka jalo ba ikopela mo go Kgosi Mabutho go ba letlanya gore go tle go nne le tirisano mmogo magareng ga bone.
Monni wa motse, Rre Mokete Moroka o tlhalositse fa go ne go le botlhoko go bona ba sa bopagana, mme a supa fa kgosana ya bone, ebong Rre Isaac Robby a sena tirisano mmogo e e lolameng le bone.
O ne a mo tshwaya phoso go bo e le ene a bakileng kgaogano le dikgotlhang morago ga gore a fuduse kgotlana ya bone go bapa le lelwapa la gagwe a sa rerisa e bile a sa dumalana le morafe wa gagwe.
E rile a tswa la gagwe mothusamoeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Zwenshmabe, Rre Never Mabutho o ne a supa fa e le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba batla ditlhabololo segolo jang mo dikgotlaneng tsa motse wa bone, a tlhalosa fa kgotlana ya Thobani e le yone fela e saletseng kwa morago.
Rre Mabutho a re go sa kopana sentle go dia ditlhabololo mo motseng, selo se se sa ba jeseng monate. O tladitse ka gore dikgotlana tse dingwe di a lakasela, di kgatlha leitlho ntle ga ya Thobani.
A re moeteledipele o tshwanetse go goga motse wa gagwe, go reetsa le go rerisana le morafe wa gagwe selo se Kgosana Robby a sa se direng.
O ne gape a re go tlhoka go dirisana mmogo ga ga Kgosana Robby le morafe wa gagwe go tsala lenyatso.
Rre Villy Mololwane, le ene e le wa kgotlana eo o ne a tlatsa ka gore ba na le lobaka lo lo leele ba sa kopane mo kgotlaneng ya bone ka ba sena moeteledipele.
A re ke makgetho a le mmalwa ba kopa kgosana ya bone go kopana le bone mo kgotlaneng ya bone mme go a retela.
A re ba tswa kgakala ba gogagogana le kgosana ya bone mme ba kopa kgosi go mo lemotsha fa a dule mo tseleng, ba kopa gape gore a tseelwe dikgato tse di maleba.
A re fa e le gore ga a batle go kopana le bone segolo ba fiwe setlankana sa kgotlana gore ba kgone go dira ditlhabololo jaaka dikgotlana tse dingwe.
Kgosi Moses Mabutho o ne a solofetsa morafe wa gagwe fa a tlaa bua le kgosana ya bone.
A re o ne a sa itse fa go sena tirisano mmogo magareng ga morafe wa Thobani le kgosana ya bone mme a itemogela seo mo malobeng fa a buisa diphuthego mo dikgotlaneng tsa motse wa gagwe.
Go ya ka Kgosi Mabutho, Kgosana Robby o ne a kopilwe go tla phuthegong e e neng e tshwerwe bosheng go tla go rarabolola dintwa tsa morafe wa gagwe mme a seka a iponatsa ntle le go ntsha mabaka.
O tsweletse ka gore o ne gape a itsisiwe fa diphuthego tsa kgotlana eo di tshwarwa ka makgamu a mabedi, e nngwe e tlaa bo e nnela kwa lefelong le lesha la ga Kgosana Robby fa ba bangwe ba tlaa bo ba phuthaganela kwa lefelong le legologolo la kgotlana ya Thobani.
O ne a supa fa a utlwaletse gore kgang e e tswa kgakala mme a ne a sa itsisiwe ka yone ka kgosana ya gagwe ene a ne a supa fa kgotlana e siame fela go sena makgwere ape.
A re o ne a dumalana le Kgosana Robby go tshwara phuthego le morafe wa kgotlana ya gagwe ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola lesome le boferabongwe mme a makatswa ke go utlwa Kgosana Robby morago a latola phuthego, a supa fa morafe wa gagwe o sa dumalana ka phuthego eo. ENDS
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Zwenshambe
Event : Phuthego
Date : 12 Dec 2016






