Ba gakolotswe go dibela botsogo
12 Dec 2016
Batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba gakolotswe go itlhokomela le go dibela botsogo jwa bone ka malatsi a boitapoloso a Keresemose le ngwaga o mosha.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso ka letsatsi la segopotso sa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS se se neng se tshwaretswe kwa Tshesebe bosheng, Mme Kushatha Mozoko, yo a tshelang ka mogare wa HIV o kopile ba ba mo seemong se se tshwanang le sa gagwe go lemoga fa go le botlhokwa go ikilela.
A re go a tshwenya gore e re go tla malatsi a boikhutso batho bangwe ba bo ba emisa ka nakwana go tsaya kalafi ya bone, mme se se ba koafatse se bo se ba bakele le ditlamorago tse dingwe tse ba ka bong ba ne ba sa kopana natso.
Mo ntlheng e nngwe, Mme Mozoko o ne a ikuela mo batsading go baya bana ba bone ba ba mo dingwageng tsa bonana leitlho, a supa fa go na le dipego tsa gore banana bangwe ba dirisa diritibatsi go dira ditagi.
A re tsela nngwe ya go emisa mokgwa oo ke gore balwetse ba tlhokomele dipilisi tsa bone ka go tlhomamisa gore ba nna ba di beile fa go babalesegileng ka dinako tsotlhe.
Mme Mozoko o ne a boa a kgala mokgwa wa Batswana bangwe wa go rekisetsa batswakwa dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV.
Mme Golekanye Monare go tswa kwa lekalaneng la tlhatlhobelo mogare wa HIV la Tebelopele kwa Francistown ene o ne a gatelela botlhokwa jwa go ikitsisane seemo sa mogare wa HIV segolo jang mo malwapeng.
A re se se ka thusa mo go nonotsheng go engwa nokeng ga bao ba ba tshelang ka mogare wa HIV.
Mme Monare, yo a neng a le sebui sa tlotla kwa segopotsong seo, o ne a gwetlha batsadi le barutabana go ema bana ba ba tshelang ka mogare nokeng.
A re mo mabakeng a le mantsi bana ga ba tlhalosediwe gore ke ka go reng ba tsaya kalafi, mme fa ba tsena mo dingwageng tsa bonana bangwe ba simolola go tlogela go tsaya kalafi ka ba a bo ba sena kitso ya gore ba e tseelang fa bommata ba bone bone ba sa e tseye.
E ne e rile pele mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Motlotlegi Kachana wa Tshesebe a ikuela mo go borre go emisa go nna maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare wa HIV le go dirisa ditirelo tsa botsogo ka kakaretso, a bolela fa nako e tsile ya gore borre ba lemoge fa ditlamelo tsa botsogo di sa direlwa bomme fela.
Kgosi Kachana o ne a lela gape ka go goga dinao ga banana go itlhatlhoba, a re se se a tshwenya ka jaana go lemotshegile fa ba sa rate go dirisa dikhondomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : TSHESEBE
Event : mafokong a kgothatso
Date : 12 Dec 2016






