Bogogi jwa dikole bo itebaganya le seemo
12 Dec 2016
Mookamedi wa lephata la thuto mo kgaolong ya Kweneng, Rre Benson Rauwe, a re bogogi jwa dikole bo ikaelela go tlhomamisa tolamo le go hema maitsholo a e seng one a baithuti.
E rile a tsibogela kakgelo ya mokhanselara wa Letlhakeng Bokone, Mme Stella Segwagwa, mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele ya Kweneng, Rre Rauwe a supa fa botsamaisi jwa sekole bo na le tshwanelo ya go busetsa
dilo mo mannong ka maikarabelo a ba a neetsweng ntle le go boifa go tsaya kgato go laola seemo fa baithuti ba ikgatholosa go sala tsamaiso morago.
Mokhanselara Segwagwa o ne a supa mogokgo wa sekole sa Mphuthe ka monwana gore ba dirisitse kotlhao e e botlhoko mo baithuting bangwe bao go feletseng go tlamega gore ba kwalele ditlhatlhobo kwa diofising tsa ba sepodisi tsa Letlhakeng, ntlha e e tlhomamisitsweng ke mogolwane Rre Rauwe ka go tlhalosa fa kgoreletsego eo e bakilwe ke gore baithuti ba ba amegang ba ba inaya naga go tshaba go otlhaelwa maitsholo a a sa amogelesegeng mo tsamaisong ya sekole.
Fela o ne a supa fa ba ne ba tsibogela seemo le go ntsha bogakolodi jo bo maleba gore bogogi bo fokotse go tsamaisa sekole ka ba sepodisi.
Mo dikgannyeng tse dingwe Rre Rauwe o boeletse kgakololo ya gore lephata la thuto le sena thulaganyo ya go aga sekole sa Unified Secondary kwa kgaolong ya Thamaga ka ntlha ya dipalo tse di kwa tlase tse di ntshiwang ke dikole tsa kgaolo eo.
Mokhanselara wa Thamaga Botlhaba Rre Pulane Piet o ne a kopile gore go dirwe sengwe go tsibogela seemo sa kgaolwana ya Ramaphatle sa go tsamaya sekgala ga baithuti ba ba pakang thuto kwa motseng wa Thamaga ntlha e e tsenyang matshelo a bone mo diphatseng ka go ralala sekgwa se se senang pabalesego.
Mabapi le matshwenyego a ga mokhanselara wa Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane ka seemo se se tshwenyang sa maduo a sekole se sebotlana sa motse oo, mogolwane Rre Rauwe o kopile fa tokafalo ya maduo e tlhoka kemo nokeng ya banaleseabe go fokotsa dikgalo tse gongwe di ka kgobang barutabana marapo.
Erile a tsibogela mangwe a matshwenyego a makhanselera, mokwaledi wa khansele ya Mokwena Rre Goleba Kgari a dumalana le matshwenyego a gore kgaolo ya Mokwena e sena matlhabelo go ka laola seemo sa botsogo jwa nama e e jewang ke morafe.
Rre Kgari a re e re ntswa ba lemoga botlhokwa jwa matlhabelo bothata jo bo teng ke gore khansele e tlhaela go ka tsibogela kago ya matlhabelo ka ntlha ya tlhaelo ya seemo sa madi kontle ga gore bagwebi ba bo ba ka ithaopela dikgwebo tsa mofuta oo.
Mokwaledi o dumalanye gape le gore kgaolo ya Mokwena e na le bothata jwa seemo sa ditsela tse di batlang tshekatsheko e e tseneletseng ya ka fa di ka tokafadiwang ka teng. Le fa go ntse jalo o tsweletse ka go supa fa bothata jwa tlhaelo ya didirisiwa e le jone bo kgoreletsang maiteko a go tsibogela seemo sa go ntshiwa ga ditirelo.
Le fa go ntse jalo Rre Kgari o tsweletse a lekodisa khansele fa ba tsweletse go dira tsheka-tsheko ya thulaganyo ka fa go ka tsibogelwang ka teng seemo sa taolo ya mesele ya metsi mo motseng a supa fa e le thulaganyo e e tlhokang madimadi mme e sa atlega mo maitekong a go e tsenya ka fa tlase ga lenaneo la ditogamaano la boferabobedi la kgaolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 12 Dec 2016






