Botho konokono
11 Dec 2016
Kgosi ya motse wa Tobane Mme Nametsego Julia Motlhasedi o gakolotse banana go ikaga, go nna le botho le go nna sekao mo baneng ba ba tswang ko tlase.
Fa a bua kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang a bodiragatsi tsa kgaolo ya Mmadinare kwa Tobane ka mafelo a beke, Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le melediwa mathe ke mafatshe a le mantsi ka le itsege ka kutlwano, kagiso le botho mme a gakolola badiragatsi go tshegetsa matshego a.
O ne a kopa bagaisanyi gore ba gaisane ba sa lebale matshego ba bo ba gaisane ka boammaaruri go sena tsietso epe.Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa kgaisano e sa tshwanela go kgaoganya badiragatsi ka e bile e le batho ba le bangwe ntswa ba tswa kwa metseng e e farologaneng, a gakolola ba ba latlhegetsweng go dirisa tatlhegelo ya bone go ikaga le go ipaakanyetsa dikgaisano tse di latelang.
Badiragatsi ba ne ba tswa mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare mo metseng e e akaretsang Kgagodi, Diloro, Mogapi, Mogapinyana, Tobane, Tshokwe, Tamasane, Damochujenaa, Robelela, Mmadinare- South le Sefhophe.
Modiredi wa ofisi ya banana Mme Kgotlhagano Tsholofelo yo e leng ene a beileng leitlho mo go tsa bodiragatsi mo Mmadinare o supile fa dikgaisano tse di nnile le kgolo go na le dingwaga tse di fetileng ka badiragatsi ba ikwadisitse ka dipalo tse dintsi mo setlheng sa gompieno mo dikarolong tse di farologaneng e bile le mowa wa kgaisano o tsweletse ka go gola mo go dirang gore badiragatsi ba gole ka botlhe ba batla go fenya.Kgaisano e ne e le mo karolong ya dikhwaere e e gapilweng ke Mmadinare Shining Stars, marapo e e gapilweng ke ba Segwana, drama e gapilwe ke Masa A Sele, dipina tsa setso le mmino, e tserwe ke Bana Phuti, leboko le phamotswe ke Edwin Dikelelelo yo a le gapang seboaboane, katara ke Kenewang Ramatswere fa segaba e le Rre Mafanetsa Bifang.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Ditsheko
Location : TOBANE
Event : dikgaisano
Date : 11 Dec 2016






