Breaking News

Mofufutso wa phatla o a busetsa

11 Dec 2016

Mme Situwe Sethuro wa kgotla ya Boseja mo Maun o tshela jone botshelo jwa phokoje go tshela yo o dithetsenyana ka a oba letsogo ka go rekisa ditlhare tse di farologanyeng mo lwapeng la gagwe.
Mme yo, yo o dingwaga tse di masome a mane le botlhano a re o tshela botshelo jo bo fetang le ene motho yo o berekang, ka a kgona go tlhokomela le bana ba masika a gagwe.
O tlhalositse mo potsolotsong le ba lekalana la BOPA fa a sa itewa seatla mme a seka a ipona tsapa a leka methale yotlhe ya botshelo go fitlhela a wela fa pelo ya gagwe e ratang teng, e leng go rekisa ditlhare.
 “ ke ne ka nna le kgatlhego ya kgwebo e ya ditlhare ka ngwaga wa 2007 morago ga go tsamaya le makgoa a ke neng ke a bereka kwa Selebi Phikwe.
Ke ne ka bona batho ba Phikwe ba rata ditlhare mme ka nna le lorato lwa ditlhare go simolola gone foo,” a tlhalosa.
A re e ne e re morago ga kgwedi a reke ditlhare ka bonyenyane jo a neng a bo amogela mme a tle le tsone mo Maun go fitlhelela di bo di nna dintsi a bo a di lema.
Go simololeng kwa a tswang teng le tiro ya makgoa o supile fa e sale ka ngwaga wa 1999 a dira le bone e bile ba rata lorato le go bereka ka botswapelo ga gagwe, mme ba nna ba mo thapa mo makgoeng a a gorogang.
Ke gone morago ka ngwaga wa 2004 ga goroga one makgoa a a feletseng a tsamaya le ene kwa Phikwe kwa a fetileng a bona motswedi wa khumo ya gagwe.
Mme Sethuro a re ka 2010 o ne a tswelela a reka ditlhare kwa Phikwe a di tsisa mo Maun, mme le batho ba simolola go di eletsa, a bo a tsaya tshwetso ya go di rekisa.
O ne a supa gore makgoa a ne a nna le bone e bile a ba bereka a rata ka fa a lemang ditlhare ka teng mme ba mo kopa gore a ba lemele ditlhare.
O tlhalosa fa a ne a tsaya tshwetso ya go tlogela tiro a lebagana le thekiso ya ditlhare ka ngwaga wa 2014, ka a ne a bona dipoelo teng di le botoka mo mading a a neng a a berekela.
Mme yo a re bontsi jwa ditlhare tsa gagwe ke tse a di itemetseng, fa dingwe e le tse a di kgaolang mo ditlhareng tse di setseng di godile mme a di leme.
E re bangwe ba re kgwebo ya go nna jaana e bokete,Mme Sethuro o supa fa a ka seke a tlogele ditlhare tsa gagwe letsatsi lotlhe a sa di bona kgotsa a sa di lekola ka ele tsone di mo neetseng seriti.
A re ditlhwatlhwa tsa gagwe di simolola ka masome a mabedi a dipula le botlhano go ya kwa go tse di kgolwane tse a di rekisang makgolo a mararo le masome a matlhano a dipula mme a re nako tse dingwe fa ditlhare tsa meriti di le teng o di rekisa makgolo a matlhano a dipula.
Mme Sethuro o supile fa tota kgwebo ya ditlhare e laolwa ke seemo sa metsi, ka jalo nako e metsi a leng boutsana mmereko o ya tlase. A re nako nngwe mo kgweding ya Seetebosigo o ne a felela a rekisa ditlhare tse di jang dikete tse tharo le makgolo a matlhano a dipula.
O tswelela ka gore kgwedi ya Ngwanatsele e ne e le namagadi ka a ne a bona dipoelo tse di kanang ka dikete di le lesome le bosupa tsa dipula.
Go supa fa mme yo a gatetse pele o tlhalositse fa a amogela madi a a kanang ka dikete di le pedi le makgolo a matlhano a dipula, go tswa mo go yone kgwebo yone e ya ditlhare mme a boloke a mangwe kgwedi le kgwedi.
A re kgwebo e e fetotse botshelo jwa gagwe ka a tokafaditse seemo sa bonno jwa gagwe, a rekile ditena le motlhaba go aga bonno jo a bo eletsang.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : potsolotso

Date : 11 Dec 2016