Breaking News

Ditshupo di tlaa nna teng ngwaga o o tlang

08 Dec 2016

Ditshupo tsa temo-thuo tsa Tswapong Borwa di tlaa nna teng ngwaga o o tlang ka Phukwi kwa lebaleng la ditshupo kwa Machaneng.

Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Edwin Ketlhodilwe, o ne a solofetsa botlhe ba ba amegang mo potsolosong.

Rre Ketlhodilwe a re ngwaga ono ditshupo di ne tsa seka tsa nna teng ka lebaka la gore bontsi ja maloko a a neng a tlhophilwe go baakanyetsa ditshupo ba ne ba le boitseme.

A re ka jalo go ne ga nna thata gore bonyennyane jo bo neng bo na le kgatlhego bo baakanyetse ditshupo tseo ka nako e ne e setse e tsamaile mme tiro yone e le ntsi thata.

Rre Ketlhodilwe a re jaanong ba sa tswa go tlhopha maloko a masha a komiti e bile ba okeditse le palo ya maloko go tswa mo go lesome go nna lesome le borataro.

O tsweletse ka gore komiti e nna e tshwara diphuthego go rulaganyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang.

A re ba bone go tshwanela gore ba simololele ruri dipaakanyo ka ba eletsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang e nna tsa maemo a ntlha go gaisa ditshupo tsotlhe tse di fetileng.

O ne a bolela fa mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami yo e bileng e le tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato a ba tshephisitse gore o tla a nna morotloetsi mogolo wa ditshupo tseo.

O kopile banni ba kgaolo le botlhe ba ba amegang gore le bone ba ba fe thotloetso gore toro ya bone e diragale.

Rre Ketlhodilwe a re ditshupo di botlhokwa thata ka di neela balemi le bagwebi sebaka sa go ka kopana mo lefelong le le lengwe ba bo ba ka kgona go neelana megopolo ya go ka ikgodisa mo temong le mo dikgwebong.

O ne a bolela fa a le maswabi thata go bo balemi le bagwebi ba kgaolo ya bone ba sa kgona go nna le sebaka seo mo ngwageng ono. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MACHANENG

Event : Potsolotso

Date : 08 Dec 2016