Banana ba kopiwa go tswelela ka maitsholo a mantle
08 Dec 2016
E re ka maitsholo a banana aa tlhobaetsang e le kgwetlho mo lefatsheng leno ka bophara, kgosi wa Malwelwe mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Kgosi Bokau Tobe ene o akgotse banana ba motse wa gagwe go bo e le sekao, a re o lemogile phetogo e tona fela thata mo maitsholong a bone a a ntseng a sa itumedise.
Kgosi Tobe a re banana ba motse wa gagwe ba ntse ba itsege ka go lwantsha batho e bile ba a nwa bojalwa phetelela, mme a re jaanong dikgang tsa mothale o di ile tlase fela thata monongwaga.
O ne gape a akgola batsadi ba motse, a re se se supa boikarabelo le seabe sa bone gore ga ba a ka ba ineela go kgalemela bana ba bone ka nako e botlhokatsebe bo neng bo apere motse.
O ne a kopa banana go tswelela ba itshwere ka tsela e e itumedisang eo ka jaana se se ba fa seriti e le banni ba Malwelwe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Tobe a re o sa ntse a tshwenngwa thata ke kgang ya beng ba marekisetso a nnotagi ba ba letlelelang bana ba dingwaga tse di kwa tlase go tsena mo marekisetsong a bone.
A re go ngomola pelo go bona bana fela ba ba sa tswang go fetsa mophato wa boraro kwa dikoleng tse dikgolwane ba setse ba tsena ka kgoro ya marekisetso a nnotagi mme barekisi ba ba rekisetsa fela le fa ntswa ba itse gore dingwaga tsa bone ga di ba letle gore ba ka bo ba le mo marekisetsong ao.
Mo go tse dingwe, Kgosi Tobe a re o sa ntse a sa jesiwe diwelang ke banni bangwe ba motse ba ba senang mowa wa bojammogo a re ga ba ke ba nna le seabe mo ditirong tsa motse.
A re banni bangwe ba itsege thata ka go ithaopela ditiro tsa motse, mme ba bangwe bone ba batla fela go tsena fa go nang le madi teng.
Kgosi Tobe o ne gape a supa matshwenyego ka go nna maoto a tshupa ga banni mo go tseyeng mananeo a puso, a re se se dirwa maswe le go feta ke gore ga ba ke ba tsena diphuthego tsa kgotla go tla go itseela kitso ka one. BOKHUTLO
Source : BOAPA
Author : Gomolemo Moketo
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 08 Dec 2016






