Breaking News

Modulasetilo o akgola khansele

08 Dec 2016

Modulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame a re khansele e dirile go le gontsi mo ngwageng wa 2016 ntswa go ne go na le dikgwetlho.

Rre Moribame fa a bua kwa moletlong wa mafelo a ngwaga bosheng  kwa Bobonong  a re o leboga bodiredi ja khansele ga mmogo le ja sepolotiki ebong makhanselara go dira ka natla  le fa go ne go na le dikgwetlho  di tshwana go tlhaelelwa ke ditsompelo.

 A re le fa go ne go na le tlhaelo, khansele mo ngwageng wa madi wa 2016/17  e kgonne go aga matlo le go a fetsa ka nako a le masome a mararo le boraro a batlhoki le kwa banni ba metse e e kgakala le ditlhabololo e bile a filwe beng ba one.  

Rre Moribame yo gape e leng mokhanselara wa Molalatau a re khansele gape e kgonne go fetsa matlo a le borobabongwe a a neng a saletse kwa morago a ngwaga wa 2012 a batho ba ba neng ba amilwe ke dibetso tsa tlholego le a tlaleletso a le matlhano mme otlhe a abetswe beng ba one.

Mokhanselara Rre Moribame a re khansele eo e dirisa madi sentle e bile e aga matlo a mangwe a tlaleletso a banni ba metse e e kgakala le ditlamelo (RADP) a le marataro, tiro e e supang fa e sa ntse e tsweletse. 

O supile fa ditlhabololo tse dingwe di akaretsa kgokelo ya dipompo tsa metse go tswa kwa letamong la Thune e tsweletse sentle, go baakanya ditsela mo kgaolong le gone go tsamaya sentle.

Rre Moribame o tlhalositse fa go baakanya tsela ya Bobonong-Lekkerport go tsweletse sentle e bile go le gaufi le go fela, go tsenya ditlamelo kwa ditsheng tse disha tsa Malepane kwa Bobonong le Phase 1 kwa Mmadinare go fedile.

Go baakanya tsela ya boleele ja 1km mo Bobonong le yone e tsamaya sentle le yone e le gaufi le go fela.

Fa a ama ditiro tse di dirwang ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo la ESP a re go baakanya matlo a bonno ja barutabana, dikago tsa borutelo  le motlakase le tsone di tsweletse sentle kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mosetlha le Tsetsebye.

Rre Moribame a re mananeo a go tlhabolola matshelo jaaka la ipelegeng, la banana la Youth Development Fund, LIMID le la nyeletso lehuma le one a gatetse pele.

Modulasetilo Rre Moribame o ne gape a supa fa makhanselara e le bagakolodi fa bodiredi jone e le ba ba fang dikitso mme botlhe maikaelelo a le mangwe a go thusa sechaba sa kgaolo ya Bobirwa.

Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele Mme Gomolemo Moepeng a re go lebanye go re khansele potlana ya Bobirwa e tshware moletlo wa mafelo a ngwaga gore ba leboge botlhe ba ba dirisang le bone jaaka bagwebi baba ikemetseng  ka nosi, maphatla a puso a  jaaka la kabo ditsha, ofisi ya molaodi, lephatla la makgotla a Setswana (Tribal Administration) a a ba thusang go isa ditlamelo kwa metseng e le lesome le bosupa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Moletlo

Date : 08 Dec 2016