Breaking News

Ba itlama go dira temothuo kgwebo

08 Dec 2016

Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Masoke, Rre Raobele Solomon a re ba tsere tshwetso ya go netefatsa gore ba fetola temo-thuo go nna kgwebo.

O buile se mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng.

A re ba ne ba tsaya tshwetso e ka ba ne ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo mo marekisitsong ntswa ba na le bokgoni jwa go di itirela. “Re ne re babalelwa ke madi a a rekang dijo mo marekisetsong jaanong re batla go itshetsa ka dijo tse re di lemang kwa masimong”a tlhalosa.

Rre Solomon o ne a tswelela a tlhalosa gape gore ba ne ba tsaya tshwetso ya go rua dipodi go na le dikgomo morago ga go lemoga kwelotlase ya ditlhwatlhwa kwa mebarakeng. “Re itemogetse gape gore go botoka go rua podi go na le kgomo ka e tshabelelwa ke go amiwa ke bolwetse jwa mabele jo go le gantsi bo dirang gore e rekwe

ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase,” a tswelela a tlhalosa.

Re ntse re le foo, o ne a gwetlha balemi-barui go inaakanya le temo-thuo gore ba  itse botlhokwa jwa yone mo go direng dijo.

O gateletse gape gore ba tshwanetse go lebogela seabe se puso e se dirang go tlhabolola matshelo a Batswana ka go ba fa dipeo le go ba lemela mahala. Modulasetilo Solomon a re ke sone se neng sa ba gwetlha go tsosolosa komiti ya bone e e neng ya tlhamiwa ka kgwedi ya Phatwe monongwaga.

O ne gape a akgola tirisano mmogo e e teng magareng ga maloko ao, a tlhalosa fa e tlaa ba isa kgakala.

A re temo-thuo jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone a supa fa kgwetlho ya ntlha e le gore pula ga e ikanyege. Gape a re dijalo di jewa ke diphologolo tsa naga.Rre Solomon gape o tlhalositse fa ba itemogetse fa bontsi jwa balemi e le bagolo ka jalo bangwe ba felela ba tlogela masimo ba ya go tlhokomela bana fa batsadi ba bone ba ile ditirong.

Go sale jalo, mothusa modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Mogapinyana Rre Molamu Magosi o ne a tswelela a tlhalosa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le bone.

A re ba lebanwe ke kgwetlho ya go tsamaela ruri ga babereki fa ba sena go amogela le gore balemi ga ba tsose diterata fa di senyegile mme diphologo di felele di ba senyetsa selo se a reng se diga thobo ya kgaolo.

Magosi le ene o ne a lebogela dithuso tse puso e tsweletseng ka go di fa Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoloki Mauco

Location : Diphatana

Event : Potsolotso

Date : 08 Dec 2016