Breaking News

Ba-na-le bogole ba tshwanetse go supa ditalente

08 Dec 2016

Mogokaganyi wa mokgatlho wa ba-na-le-bogole. Mme Punie Koloi a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go tlhamela ba-na-le-bogole ditiro gore le bone ba itshetse.

O buile seo mo potsolosong le lekalana la BOPA kwa Serowe bosheng, Mme Koloi a re mokgatlho o o simolotse ka ngwaga wa 1996, mme o ikemetse ka nosi. A re e le mokgatlho ba tshela ka go kopa dithuso mo makalaneng a a farologaneng, gape ba rentisa matlo e le tsela nngwe e ba thusang go dira madi ka yone gore ba kgone go tsweledisa ditiro tsa mokgatlho.

A re ba itemogetse gore ba-na-le-bogole ba na le ditalente tse di farologaneng ka jalo ba ne ba bona go tshwanela go dira mokgatlho oo gore ba ba thuse go diragatsa ditalente tsa bone,ka jalo ba ba thusa ka  go ba isa  dikoleng gore ba diragatse tse ba di batlang e le tsela ya go ba thusa go itshetsa.

Mme Koloi  a re e le mokgatlho ba eletsa go tsaya mananeo a puso,a re ba batla gore banale bogole ba itirele ka diatla tsa bone jaaka go  tsamaisa dikgwebo tsa bone ka fa ba batlang ka teng eseng go nna fela ba direlwa ka dinako tsotlhe, o tsweletse ka gore ba batla go dira dikgwebo tse di farologaneng jaaka go itirela melora e seng go roka ditlhako fela ka go le gantsi ke yone  e ba e dirang.   

Mo go tse dingwe a re ba lebanwe ke kgwetlho ya  gore kago ya bone kana ka jalo ba gwetlhega go tsaya one madi a ba ithusang ka one go baakanya fa go senyegileng teng se se dire gore ba felelwe ke madi.  

Mme Koloi o ikuetse mo go goromente go tsaya mekgatlho yotlhe,e nne selo se le sengwe,go seka ga nna gore mekgatlho e mengwe ke ya ga goromente e mengwe ke e e ikemetseng ka nosi gore botlhe ba tle ba kgone go akola dithuso tse di tshwanang.

O bile a rotloetsa goromente gore ba eletsa gore ba etelelwe pele mo mekgatlhong ka go farologana ke mo-na-le-bogole. ka gore fa go ntse jalo go nna motlhofo gore ba bereke botlhe, ba kgone ba phuthuloge ka a kaya fa ba na le bogole ba tlhoka bopelotelele le kgothatso e e tseneletseng.

Mme Koloi o akgotse goromente wa Botswana go ba tsisetsa mananeo a a ba thusang gore ba itshetse ka one ba Tshwane le mongwe le mongwe,gape ba itumelela gore goromente o ba beile kwa pele gore ba akole dithuso le mananeo se se ba dira gore ba nne  le seriti  sa tlhwatlhwa e le ba-na-le-bogole.

Fa a tswa la gagwe mo-na-le-bogole. wa mokgatlho o, Mme Ogomoditse Keabonye a re ga se gore go nna le bogole ke phelelo ya lefatshe, a re motho o tshwanetse go supa talente ya gagwe mme a ipelafatse ka yone.

Mme Keabonye a re talente ya gagwe ke go roka ditlhako, le go suga matlalo,a re o simolotse go roka ditlhako ka ngwaga wa 1991 ka nako eo a ne a direla mo lwapeng.

A re go roka ditlhako ke yone tsela e a itshetsang ka yone ka e mo thusa go jesa ba lelwapa la gagwe gape o kgonne go ikagela ntlo ka dipoelo tse a di bonang mo kgwebong e ya gagwe.

Mme Keabonye a re dipoelo di teng mo kgwebong e ya gagwe, kgwetlho ya gagwe ke gore bareki ba tsisa ditlhako mme ba tsamaele ruri ba sa tle go di tsaya.  

O rotloeditse ba-na-le-bogole gore ba tshwanetse go sala ditoro tsa bone morago mme ba bone ko ba  ka felelang teng, gape a re fa o le mo kgwebong ga o a tshwanela go fela pelo a supa fa bopelotelele e le jone jo bo ka kgontshang motho fa a batla go dira se a se batlang le go thusa go fitlhelela maikaelelo a gago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 08 Dec 2016