Setshaba se kopiwa go aba madi a mmele
07 Dec 2016
Morotloetsi wa go aba madi a mmele kwa lekalaneng la National Blood Transfusion Service, Mme Tumelo Ramalebang, o kopile setshaba go nna le mowa wa go aba madi a mmele go boloka matshelo.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ramalebang o supile gore nako eno ya mafelo a ngwaga tiriso ya madi a mmele e ya magoletsa ka mabaka a a farologanyeng.
“Fa ngwaga o fela jaana, bontsi bo tsaya mesepele go ya mafelong a a farologanyeng, ka jalo dikotsi tsa dikoloi di oketsege mme madi a mmele a felele a tlhokega go boloka matshelo a batho ba ba amegileng.”
Mme Ramalebang o tshwaetse jalo e bile a kaya gore madi a mmele a dirisiwa gape fa go dirwa loaro ga mmogo le mo peleging le fela fa batho ba lwala.
A re lephata le lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya madi a mmele bogolo jang mo nakong eno ya fa dikole di tswetswe le jaaka baithuti ba ne ba kwala ditlhatlhobo.
O boletse gore lephata le tsaya selekanyo sa madi sa diperesente di le masome a marataro kwa dikoleng ka jalo fa go tswalwa, ba nna le kwelo tlase.
O bile a kopa setshaba go tla ka makatlanamane go tla go aba madi a mmele.
A re lefatshe le tlhoka selekanyo sa madi sa dipaente di le 40 000 mo ngwageng mme lephata le kgona go bona fela dikete tse 22 000.
Mme Ramalebang o gwetlhile setshaba go dira kabo ya madi a mmele, mokgwa wa go tshela kana ngwao ka gore ga go duelelwe.
A re, e re ntswa ba na le kgwetlho go anama lefatshe ka bophara, lephata le na le makalana kwa mafelong a tshwana le Mahalapye, Serowe, Maun, Molepolole, Gaborone le Francistown, kwa batho ba ka abang madi a mmele teng.
O tlhalositse gore madi a a tlhatlhobiwa pele a ka tshelwa mo balwetseng. A re batho ba ba ka abang madi ke ba dingwaga tse 16 go ya go tse 65. Borre ba aba makgetho a mane fa bomme ba aba makgetho a le mararo fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Karabo Molosi
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 07 Dec 2016






