Breaking News

Baithuti ba rutwa maele a botshelo

07 Dec 2016

Baithuti ba mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Masunga ba sa tswa go digela kampa e mo go yone ba neng ba rutuntshiwa ka maele a botshelo.

Ithutuntsho eo, e e neng e tsenwe ke baemedi ba makalana mangwe ka go farologana jaaka sesole le sepodisi e wetse kgwedi eno e le malatsi a mararo.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso kwa bokhutlong jwa phuthego eo, moemedi go tswa kwa sesoleng sa Botswana, Captain Kago Kgari o ne a gwetlha baithuti go tlhomamisa gore ba tsaya ditshwetso tse di maleba mo botshelong.

O ne a ba gakolola kgatlhanong le go inaakanya le ditiragalo tse di sa itsagaleng, tse e ka reng phelelong tsa ba senyetsa bokamoso.

A re ba tshwanetse ba netefatsa gore ba nna le boitsholo jo bo eletsegang jo bo ka ba isang golo gongwe mo botshelong.

Captain Kgari a re baithuti ba tshwanetse ba itse fa e le bone ba tsogang ba goga lefatshe leno, ka jalo ba tshwanelwa ke go reetsa bagakolodi ba bone le gone go reetsa molao wa batsadi, ka e le bone ba ka ba thusang go tsaya ditshwetso tse di maleba.

O tsweletse a re baithuti ba mophato wa bone, ba tshwanelwa ke go itse fa mo ngwageng o o tlang ba tlaa bo ba tsena mo mophatong wa botlhano, e leng one o ba bulelang dikgoro tsa go ya kwa dikoleng tse di dikgolwane tsa ithutelo ditiro, ka jalo ba tshwanelwa ke go tla ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go fenya ditlhatlhobo tsa bone.  

Mongwe wa bagakolodi go tswa mo komponeng ya I-Six Logistics, Rre Pangaman Kaisara o ne a tlhaba baithuti podi matseba gore, gore ba kgone go fenya mo botshelong, ba netefatse gore ba  tsaya kgato mo sengweng le sengwe se ba se dirang.

Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole sa Masunga, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a supa fa a na le tshepho ya gore ithutuntsho eo, e tlaa fetola boitshwaro jwa baithuti le ka fa ba ntseng ba leba dilo ka teng, ka jaana ba filwe maele otlhe a botshelo a a ka ba kgontshang go lebagana le dikgwetlho tse ba ka kopanang natso.

Mme Letsholathebe o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo bothibelelong joo, a leboga segolo jang ba sesole le sepodisi, a re ba dirile namane e tona ya tiro ya go rutuntsha baithuti bao.

Gone kwa bothibelelong joo, go ne ga nna le maitiso a ngwaga e le tsela nngwe ya go leka go rotloetsa ngwao mo bananeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Ithutuntsho

Date : 07 Dec 2016