Breaking News

Moletlo o thusitse mogwebi go oba letsogo

07 Dec 2016

Bagwebi bangwe ba ba botlana ba re ba itumeletse meletlo ya boipuso jwa monongwaga ka jaana ba kgonne go dirisa sebaka se go oba letsogo.

Mo potsolotsong bosheng, monana wa mogwebi kwa Maun, Mme Mmitseng Ketwaeletswe, yo o gwebang ka go rekisa diaparo tsa mebala ya folaga ya lefatshe leno, a re o lebogela meletlo ya ipelelo boipuso jwa BOT5O.

A re kgwebo ya gagwe monongwaga, e dikile e dirile sentle fela thata go na le dingwaga tse di fetileng ka gore banni ba rekile dilwana tsa gagwe ka dipalo tse di kwa godimo.

O tlhalositse fa a tlaa dirisa madi aa boneng go atolosa kgwebo ya gagwe le gone go itlhabolola fa a neng a saletse morago teng.

O supile fa molaetsa kana kopo go tswa mo komiting e e neng e rulaganyetsa meletlo ya ipelelo boipuso ya BOT50 le Tautona wa lefatshe leno, gore Batswana ba tswelele ka go apara mebala ya folaga go fitlhela ngwaga ono o fela e gorogile mo banning ba Maun e bile ba e tshegeditse.

“Batswana mo Maun ba ntse ba tsweletse ba reka dilwana tsa mebala ya folaga, bangwe go lebega e le ba ba neng ba sa kgona go ithekela dilwana tse ka nako ya meletlo ya boipuso ntateng ya letlhoko la madi le mabaka a mangwe” ga bua Mme Ketwaeletswe.

A re ka fa banni ba rekang dilwana tsa mebala ya folaga ka bontsi ka teng, go supa fa ba le motlotlo ka lefatshe la bone e bile ba tlhaloganya bokao jwa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso.

Mme Ketwaeletswe a re o rotloetsa Batswana go tswelela ba reka le go apara mebala ya fologa gongwe le gongwe kwa ba leng teng ka go bo folaga e le sekano se mafatshe a lemogiwang ka one.

O weditse a re, Batswana ba tshwanetse go nna motlotlo ka mebala ya lefatshe la bone, ba ipelafatse ka yone ka go bo lefatshe leno le ne le lejwa e le sekaka mme gompieno le balelwa mo mahatsheng a tlhabologileng.

“Lefatshe leno le ipusitse dingwaga tse di masome matlhano go sena tshololo ya madi kana dintwa jaaka mafatshe a mangwe mo Aforika, ditlhabololo di dintsi thata mo lefatsheng leno, ke sa lebale thokgamo le kagiso e e renang mo lefatsheng la rona “, ga bua Mme Ketwaeletswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 07 Dec 2016