Kago ya diofisi e weditswe
07 Dec 2016
Kgosi Oteng Matobo wa Matobo wa kgaolo-potlana ya Tutume o boletse fa diofisi tsa kgotla ya motse oo tse di neng di agwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) di weditswe.
Kgosi Matobo o buile jalo mo potsolotsong bosheng. O ne a supa boitumelo ka jaana a re kago eo e dirilwe ya bo ya wediwa ka nako e e neng e solofetswe.
Kgosi Matobo o supile fa tiro eo e ne ya simololwa ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Ngwanatsele mme e weditswe kgwedi e e fetileng.A re kago eo e mo seemong se se kgatlhisang, a kaya fa dilo di akaretsa kgokelo ya metsi le motlakase le tse dingwe tse di botlhokwa di dirilwe. Kgosi Matobo a re ba setse ba letile fela diofisi tse di maleba go ka rolelwa diofisi tseo semmusu go ka di dirisa.
Kgosi Matobo o bile gape a re sengwe se se itumedisang ka tiro eo ke gore baitseanape ba tsa kago go tswa khanseleng ya Tutume ba ne ba na le seabe mo tirong e. A re gangwe le gape baitseanape bao ba ne ba tla go lekola seemo sa kago e mme ba lekodise bagolwane ba motse.
Rre Thebe Phatha wa khamphani ya Blazing Construction, yo o neng a abetswe tiro eo, a re go botlhokwa gore a dire ditiro tse a di abelwang ka tlhaga e bile a di wetse mo nakong e e dumalanweng.
A re se, ke nngwe tsela ya go godisa khamphani ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : MATOBO
Event : Potsolotso
Date : 07 Dec 2016






