Koketsego ya dipetelelo e a tshwenya
07 Dec 2016
Mookamela mapodisi a kgaolo ya Ghanzi, Senior Superintendent Mokolobetse Marata, a re dipalo tsa petelelo di golela pele mo kgaolong ya gagwe.
Senior Superintendent Marata a re dipalo tsa petelelo go simolola ngwaga ono o simolola go fitlhelela kgwedi ya Sedimonthole di ne di tsamaya mo go masome a mane le boraro, a re palo eo e ntsi thata.
Ramapodisi o buile jalo fa sepodisi sa bomme sa No 6 District Women Police Network se ne se simolodisa letsholo kgatlhanong le petelelo kwa Ghanzi bosheng.
A re gantsi dipetelelo tseo di diragala ka mafelo a beke ka Matlhatso bosigo batho ba tswa kwa maitisong.
Ramapodisi a re mo dipalong tseo go na le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano.
Senior Superintendent Marata o ne a ikuela mo morafeng wa kgaolwana ya Khurakhura mo Ghanzi gore fa ngwana wa bone a thubeditswe ba tshwanetse go begela mapodisi ka dinako tsotlhe.
A re go utlwisa botlhoko go bona ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi a thubeditswe mme labofelo o bona batsadi ba tla ba tsholola kgang a gatelela gore seo se kgoreletsa maiteko a mapodisi go nyeletsa borukutlhi.
E rile mothusa molaodi wa Ghanzi, Rre William Keareng a latlhela la gagwe a kaya fa go supafala fa dipalo tse di kwa godimo tsa thubetso di le mo kgaolwaneng ya Khurakhura ka jalo go mo maruding a morafe go bona gore dipalo tseo ba di fokotsa jang.
Mothusa molaodi a re thubetso e tlaa itsa puso go bua ka tekatekano ya bong a re batsadi ba tshwanetse go bua le bana ba bone gore ba tlogele go tsamaya bosigo ba le nosi ka gore bontsi jwa dipetelelo di diragala bosigo.
Mothusa molaodi a re dithubetso di tla ka go farologanya ka gore go thubediwa banalebogole, le basadibagolo.
A re thubetso e na le ditlamorago tse di sa siamang jaaka go ama ditlhaloganyo tsa ba ba beteletsweng.
A re kgokgontsho e diragala mo go mongwe le mongwe, mme thata bana ga ba a tshwanela go kgokgontshiwa ka gore fa ngwana a dirisiwa mo tlhakanelong dikobo go lemogelwa thateng ka gore o tshaba go bua mme seo se tlaa bo se mo ama maikutlo thata.
Rre Keareng a re bojalwa ke jone jo bo nang le seabe se sentsi mo go rotloetseng thubetso a re Batswana ba tshwanetse go bona gore seabe sa bone mo go lwantsheng mmaba oo se a diragala ka botlalo.
Erile mogokaganya ditirelo tsa kgaolo ya Ghanzi tsa sepodisi sa bomme Assistant Superitedent Tabetso Kahiko a ntsha maikaelelo a letsatsi leo a tlhalosetsa ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi leo e le la go tsibosa batho ka bodiphatsa jwa petelelo mme thata fa ba lebeletse botsogo jwa motho.
Mme Kahiko a re bomme le bana ba tlogele go iphitisa dinnotagi ka gore ke tsone tse di ba gogelang kwa thobetsong. A re nako e tsile ya gore batsadi ba emele bana ba bone ka dinao.
Assitant Superintendent Kahiko a re setshaba le mapodisi ba tshwanetse go tshwaragana thata gore ba kgone go fokotsa thubetso le jone borukutlhi ka kakaretso a supa gore setshaba ke mapodisi, mapodisi ke setshaba ka jalo ba tshwaneste go beraka mmogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Letsholo
Date : 07 Dec 2016






