Lenaneo le tlodisa monana melatswana
06 Dec 2016
E re le ntswa letlhoko la ditiro le apesitse banana kobo ka letshoba, monana mongwe kwa Bobonong, Rre Onkamogetse Poitshego o inaakantse le kgwebo ya dipodi.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Poitshego o tlhalositse gore kgwebo ya gagwe e e simolotseng ngwaga o o fetileng e itebagantse le go rekisetsa barui le marekisetso a nama dipodi.
A re gape o rekisetsa batho ba ba sa batleng go rua dipodi go dira seshabo.
Rre Poitshego, yo o dingwaga tse di masome a mararo, o kaile fa kgwebo ya gagwe ya dipodi e rotloeditswe ke lephata la banana ka madi a a kana ka P85 000.
O supile fa ka madi ao, a kgonne go reka dipodi,go aga lesaka le go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go simolola kgwebo ya dipodi.
A re dipodi tsa gagwe o di ruetse kwa morakeng wa Mosalakwane go bapa le motse wa Bobonong.
Rre Poitshego o tlhalositse fa a ruile dipodi di le masome a mane tsa mofuta wa Boer goat, ka e bile e le mofuta o o kgonang go itsetsepela mo dipakeng tse di thata jaaka leuba.
O tsweletse a tlhalosa fa Boer goat e le mofuta o o siameng thata ka e na le nama e ntle e bile gape e le ntsi.
Rre Poitshego a re bontsi jwa batho ba rata Boer goat ka go bo boleng jwa nama ya yone e le jwa maemo a ntlha.
A re podi e le nngwe o e rekisa ka madi a a kanang ka P700 go ya kwa go P750.
Rre Poitshego a re dipodi tsa gagwe di kgatlha leitlho thata ka gore ga di fule mo nageng fela a tlatsa ka go supa fa a di neela Molasses, Whole Grain ga mmogo le Lab Lab e le tsela nngwe ya go di nonotsha.
O tlhalositse fa kgwebo ya dipodi e le nngwe ya dikgwebo tse di sa ntseng di gola mo lefatsheng la Botswana a tlatsa ka go supa fa letlhoko la nama ya podi le le kwa godimo fela thata mo marekisetsong a nama mo dikgaolong ka bontsi.
A re baji ba nama ka bontsi ba rata nama ya podi bobe go na le ya kgomo.
O kaile fa ba supa gore nama ya kgomo e ba tsenya bolwetse jwa mangole gammogo le ditlhabi mo mebeleng.
Rre Poitshego o rotloeditse batho ba ba batlang go tsena mo dikgwebong go inaakanya le kgwebo ya dipodi ka e le bogadi bo gaufi.
A re podi ga e tlhoke tlhokomelo e e kalokalo jaaka kgomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 06 Dec 2016






