Breaking News

Thuto ya motia ke mangmang mo kabakanyong itsholelo

06 Dec 2016

Mookamedi wa Babirwa Concrete Products, Rre Oral Mosedame, a re thuto ya motia ke konokono mo kgodisong le kabakanyo itsholelo.

Rre Mosedame a re itsholelo ya Botswana e  sa ntse e gola e bile e ikaegile thata ka ditswammung mme  se se tlhoka tshwaragano ya ba-na-le-seabe mo mohameng wa thuto, go thusana le puso le go tswa ka meono e e tlhotlheletsang kgolo le kabakanyo ya itsholelo.

Rre Mosedame o gwetlhile ba-n-a-leseabe ebong batsadi, barutabana, borra le bomma ba dikgwebo go tsaya boikarabelo jwa go rotloetsa thuto kwa moding.

O buile se mo potsolotsong kwa moletlong wa kabo dietsele tsa baithuti kwa sekoleng se sebotlana sa Khuduga mo Gaborone bosheng.

Rre Mosedame yo o itlhophetseng go nna morotloetsi mogolo wa sekole sa Khuduga,ka lenaneo la Adopt a School, o gwetlhile borra le bomma-dikgwebo go sekegela tsebe kopo ya puso ya gore dikgwebo di tseye karolo mo kgodisong ya thuto ka go tsenya dikole mo mahukeng a tsone mme ba di abele dithuso tse di tlhokafalang.

O tsweletse ka go tlhalosa gore thuto e tlhabolola motho, e tlhabolola le go aga setshaba, ka jalo e godise itsholelo.

Fa a tswa lentswe go lebagana le batsadi, Rre Mosedame o gakolotse a menne phatla gore batsadi ba tshwanetse go tshwaraganela le go nna sekao mo baneng, segolo thata ka go supa maitsholo a a amogelesegang; e seng fela go a ruta bana mme bone ba sa a diragatse.

A re, Motswana o ne a opile kgomo lonaka fa a re, moroto wa o esi ga o ele.

Le fa go ntse jalo, Rre Mosedame o tlhalositse gape gore go fitlhelela thuto e e nonofileng go tlhokega dipaakanyo le tsamaiso e e nitameng.

“A re ititeye ka thupana go aga bana ba ba tlaa kgonang go itepatepanya le dikgwetlho mo isagong. Thuto ya boleng jo bo ko godimo e botlhokwa e bile e ka dirisiwa go fokotsa lehuma, go tlhabolola botsogo, go tlhabolola botsalano ga mmogo le gone go aga kagiso le thitibalo mo lefatsheng”, Rre Mosedame a gatelela.

Rre Mosedame o weditse ka go kgothatsa baithuti go nna le mowa wa bopelotelele, bonatla le go tshepha gore banalebokgoni; ba seka ba inyatsa.

“ Phadisanyo e e phepa e botlhokwa ka e rotloetsa maduo a a amogelesegang mo thutong. Thuto ya rona e tshwanetse go nna le boleng lefatshe ka bophara mme bana ba rona ba tshwanetse go kgona go phadisanya ba bo ba fenya mo lefatsheng ka kakaretso,” ga digela jalo Rre Mosedame yo o tswang kgakala go simolola ka ngwaga wa 2013 a rotloetsa le go thusa sekole sa Khuduga ka ditlamelo.

Ka thotloetso go tswa go Babirwa Concrete Products, BC & LM Gas le batsadi, sekole sa Khuduga se ne se tshwere kabo dietsele go rotloetsa, go lemoga bokgoni le go leboga baithuti ba ba gaisitseng.  Kabo dietsele e ne e kopane le kaloso ya mophato o o tlaa yang go dira lekwalo la ntlha mo ngwageng o o tlang, ke gore standard one orientation class. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Karabo Molosi

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 06 Dec 2016