Breaking News

Kgosi o kopa batsadi go tlotla thuto ya bana

06 Dec 2016

Kgosi James Tekanyo wa Kgoro o kopile batsadi ba motse oo go tsaya thuto ya bana ba bone tsia.

O buile se bosheng mo moletlong wa kabo dimpho ya bathuti ba sekole, o o neng o tsenwe ke palo e potlana ya batsadi.

A re o swabisiwa ke go bona batsadi ba goga dinao mo thutong ya bana mo ba palelwang ke go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana ga mmogo le meletlo ya kabo dimpho e go ipelelwang bontle jo bo dirwang ke baithuti.

O tsweletse a tlhalosa fa go tlhoka go tsaya tsia thuto ya ngwana ke motsadi go ka digela tiro ya ngwana kwa tlase e bile go tsenya tlhaloganyo ya gore thuto ga e na mosola.

O tsweletse a ikuela mo batsading gore ba iketlele go roma bana dinnotagi ka seo se ka ba rotloetsa go simolola dinnotagi ba sa ntse ba le bannye.

A re seo se supa gore motsadi o a bo a sena boikarabelo.

Mogolwane wa pele wa thuto mo kgaolong ya Good Hope Rre Basel Ncaagae a re o lemogile fa thuto e wela kwa tlase mo kgaolong ya Barolong le mororo e sa duelelwe,mme se se dirwa ke go ikgatholosa thuto ya bana ba bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Randy Kgosinkwe

Location : KGORO

Event : Moletlo

Date : 06 Dec 2016