Breaking News

Re-A-Nyalana e tlotlomatsa banyalani

06 Dec 2016

Tona wa tlhokomelo tikologo, metsi le ditirelo tsa kgopo ya metsi a a leswe, Rre Prince Maele, a re batho ba ba nyalanang ka lenaneo la Re-A-Nyalana ba tshwana fela le ba ba tshwarang mekete fa ba nyalana.

A re pharologanyo e nna fela gore ba lenaneo la Re-A-Nyalana ga ba dirise madi a mantsi jaaka ba ba sa nyalaneng ka lenaneo le.

A re banyalani ba Re-A-Nyalana ba tshwanetse ba nne motlotlo ka le bone fela jaaka ba ba sa nyalaneng ka thulanyo e, ba nyadisiwa ke molaodi, ba ikana ba bo ba fiwa setlankana sa bone sa lenyalo.

O ne a bua bosheng kwa GooSekgweng le Malaka kwa go neng go nyadisiwa malwapa a le matlhano kwa GooSekgweng le a le lesome le boferabongwe kwa Malaka ka Re-A-Nyalana.

Rre Maele o supile fa bangwe ba ne ba nyatsa Re-A-Nyalana fa bangwe ba ne ba tsaya lenaneo motlhofo fela e bile ba bua dipuo ka lone mme le kgonne go le gontsi ka le setse le dirile malwapa a le 302.

A re lenaneo la Re-A-Nyalana le thusitse go le gontsi ka batho ba le bantsi ba ne ba nna mmogo fela ba sa nyalana mme ba na le keletso ya go dira jalo mathata e le letlhoko la madi le itsholelo e e ko tlase.

O ne a kopa banyalani go rerisanya a bolela fa therisanyo e le yone konokono ya lenyalo.

A re e re ka banyalani bao ba nyalane ka thulaganyo ya tlhakanelo dithoto ga go na go tlhola go nna le molelwane mo dithotong tsa bone ka ba di tlhakanetse.

A re ba tlhakanetse dithoto tsotlhe tse ba nang le tsone e bile ba di laola ka go tshwana.

Rre Maele o ne a rotloetsa banyalani go nna bone ba ba tiisang lenyalo la bone le gone go tshela ka fa ba batlang ka teng.

Mongwe wa banyalani kwa motseng wa Malaka, Rre Bingi Kearabile o ne a leboga lenaneo la Re-A-Nyalana a bolela fa le mo file seriti.  

A re o sale a ntse le mme wa gagwe ka ngwaga wa 1984 mme a sa kgone go mo nyala ntateng ya go tlhoka madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Re-A-Nyalana

Date : 06 Dec 2016