Lekawana le nwetse mo letangwaneng
06 Dec 2016
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu, a re ba fitlhetse lekawana la dingwaga tse lesome le boferabongwe le nwetse mo letangwaneng le le thumelang kwa oteleng ya Thakadu kwa Letlhakane.
Superintendent Maphephu o tlhalositse fa e rile ka Matlhatso, lekawana lengwe la tla go ba begela fa a sa bone tsala ya gagwe e a neng a nale yone kwa maitisong a Meat Festival kwa oteleng eo bosigo jwa Matlhatso.
A re ba ne ba tsaya motlhala go simolaga fela go ne kwa oteleng eo kwa ba neng ba bona diaparo tsa lekawana leo fa thoko ga letangwana lele thumelang, mme ba kopa bogogi jwa madirelo ao gore ba ntshe metsi mo go lone mme ba mo fitlhela kwa tlase.
Superintendent Maphephu a re ba ne ba isa lekawana leo kwa kokelong kwa dingaka di neng tsa rurifatsa gore o tlhokafetse.
O ne a rotloetsa beng ba dikgwebo go nna ba etse tlhoko seemo fa go tshwaretswe mediro segolo jang maitiso a dino gammogo le go disa matangwana aa thumelang.
Mo kganyeng e ngwe Superintendent Maphephu a re go fitlhetswe monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le masome a mararo le botlhano mo sekgweng ka matlhatso.
A re bane ba mo isa kwa sepateleng kwa dingaka dineng tsa rurifatsa gore o tlhokafetse, a tlatsa ka gore setopo sa gagwe se kwa setsidifatsing se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka go bona sese ka tswang se bakile loso .
Superintendent Maphephu a re ba mo patlong ya monna mongwe yo e rileng ka Tshipi a tlhaba monna yoo dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa kwa Tawana Extention .
Borre ba, ba ne ba tlhoka kutlwisisano mme yo mongwe a fela a tlhaba yo mongwe ka sengwe se go belaelwang ele thipa mo sehubeng.
Superintendent Maphephu a re rre yoo yo tlhabilweng ka sengwe sese bogale o ne a ragosediwa ko kokelong ya Orapa, ko go bolelwang a sidilega teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tumelo Koboyatau
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 06 Dec 2016






