Breaking News

Kgotla seikokotlelo sa morafhe

05 Dec 2016

Mookamedi wa Botswana Fibre Networks (BOFINET) Rre Mabua Mabua a re dikgosi di botlhokwa ka di tswa kgakala di na le seabe mo lefatsheng leno ka go aga setshaba go tsisa kagiso le thokgamo mo dingwageng tse di masome  a matlhano tse di fetileng lefatshe leno le ntse le ipusa.

Rre Mabua o buile se bosheng  kwa pulong semmuso ya diofisi tsa kgotla kwa Khawa tse di lopileng madi a a fetang P250 000.

A re kgotla ke lefelo le le faphegileng ka e le bokopanelo jwa morafe jwa go rerisana ka tsa ditlhabololo tse di amang motse wa  bone, go aga setshaba ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang, le gone go ithuta ditsamaiso tse di siameng mo lefatsheng leno.

O ne a tlhalosetsa batsena pulo semmuso eo fa ba simolodisitse botsalano le sekole se se botlana sa Khawa  mo  dingwageng tse tharo tse di tlang ka 2017, 2018, 2019.

Rre Mabua o supile fa BOFINET e itlamile go thusa ka madi a a kanang ka P10 000 mo dikgaisanong  tsa  kabo dimpho tsa  baithuti le barutabana mo sekoleng seo e le tsela nngwe ya go tokofatsa maduo.

Rre Mabua o ne a abela kgotla dikhompiutara tse pedi le porintara e le tsela nngwe ya go tlhabolola kgotla eo mo go tsa maranyane le ditlhaeletsanyo.

Go le pele fa a amogela baeng Kgosi Piet Manyoro ya motse oo o ne a bolela fa motse wa khawa o setse o na le ditlhabololo fa go tshwantshwangwa le ka ngwaga wa 1989 fa a tlhongwa go nna kgosi  a ka ba ne ba simololela fela mo legoeleleng.

Kgosi Manyoro o kaile fa ba ne ba bereka ka natla ka go rerisana le baeteledipele go fitlhelela puso e dumalana go aga ofisi ya kgotla eo  ka ngwaga wa 1998 ke ba  lephata la DBES.

Fa a ntsha la gagwe Rre Onalethata Joel  monnasetilo mo komiting  e e neng e baakanyetsa pulo semmuso eo o ne a supa fa ba ne ba kokoanya madi a a fetang P16 000 ka ditsela tse di farologaneng le dithuso a e leng one a a ba kgontshitseng gore moletlo oo o atlege ka tirisanommogo le tshwaragano ya banni ba motse oo.

Fa a leboga mokhanselara wa Middlepts/Kolonkwaneng Rre Dick Kotokwe o ne a akgola  ba khampane ya BOFINET ka go itlama go thusa sekole seo le dthuso tse e di fileng kgotla ka seo e le kgatelopele mo motseng oo.

O ne a kopa bodiredi go tlhokomela diofsi tseo ka seo se ka thusa thata go nna mo seemong se se siameng mo lobakeng lo lo leele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHAWA

Event : Pulo semmuso

Date : 05 Dec 2016